1 Diane tsa ga Solomone morwa Dafite, kgosi ya Iseraele:
2 Go itse botlhale le thuto; go lemoga mafoko a tlhaloganyo;
3 go tshola thuto ya go dira ka botlhale, ka tshiamo, le ka katlholo, le ka tekatekanyo;
4 go naya yo o sa tlhalefang matseba, le motho wa lekau kitso le pharologanyo;
5 gore motho yo o botlhale a utlwe, a totafale mo go ithuteng; le gore motho wa tlhaloganyo a ye go tshwara dikgakololo tse di itekanetseng;
6 go tlhaloganya seane, le setshwantsho; mafoko a ba ba botlhale, le dinyoba tsa bone.
7 Go boifa Jehofa ke tshimologo ya kitso, mme masilo a nyatsa botlhale le thuto.
8 Morwaaka, utlwa thuto ya ga rraago, mme o se ka wa tlogela molao wa ga mmaago,
9 gonne e tlaa nna kgopana e ntle mo tlhogong ya gago, le tlhanyaku mo thamong ya gago.
10 Morwaaka, fa baleofi ba go fepa, o se ka wa dumela.
11 Fa ba re: “A re tsamaye mmogo re ye go lalela go tsholola madi, a re bobele ba ba se nang molato ka bomo;
12 a re ba kometse jaaka Bobipo ba sa ntse ba utlwa, ba le boleka jaaka ba ba fologelang mo moleteng;
13 re tlaa fitlhela thoto yotlhe e e tlhokegang, re tlaa tlatsa matlo a rona ka thopo;
14 o tlaa tlhakanela kgetsi le rona; re tlaa dira le kgetsana ya madi e le nngwe fela.”
15 Morwaaka, o se ka wa tsamaya nabo mo tseleng; thiba lonao lwa gago, gore lo se ka lwa tsena mo tselaneng ya bone,
16 gonne dinao tsa bone di sianela bosula, ba itlhaganelela go tsholola madi.
17 Gonne, aitse lotloa lo menololelwa lefela mo ponong ya nonyane le fa e ka nna efe;
18 bao ba italelela a e leng madi a bone tota, ba ipobelela a e leng matshelo a bone tota.
19 Ditsela tsa mongwe le mongwe yo o sefatlha ka ga papadi di ntse jalo, e tle e bolaye beng ba yone.
20 Botlhale o kuela godimo mo mmileng; o ntsha lentswe la gagwe mo dipatlelong;
21 o kua mo bonnong jo bogolo jwa borakanelo; fa botsenong jwa dikgoro, o bolela mafoko a gagwe mo motseng, a re:
22 “Lona ba lo sa tlhalefang, lo tlaa rata botlhoka botlhale ka lobaka lo lo kaye, le basotli go ijesa monate mo go sotleng, le dieleele go ila kitso?
23 Sokologang ka kgalemo ya me; bonang, ke tlaa thela mowa wa me mo go lona, ke tlaa lo itsise mafoko a me.
24 E re ka ke biditse, mme lwa gana; ke otlolotse letsogo la me, mme ga se ka ga tlhokomela ope;
25 lo ntshitse kgakololo ya me yotlhe lefela, lwa ba lwa gana kgalemo ya me.
26 Le nna ke tlaa tshega mo motlheng wa tatlhego ya lona; ke tlaa sotla motlhang poifo ya lona e tlang;
27 motlhang poifo ya lona e tlang jaaka matsubutsubu a phefo, le tatlhego ya lona e tlaa jaaka setsuatsue; motlhang pitlagano e tlang mo go lona le tlalelo e e mahehe.
28 Foo ba tlaa mpitsa, mme ga nketla ke araba; ba tlaa mpatla ka tlhoafalo, mme ga ba ketla ba mpona.
29 E re ka ba idile kitso, ba se ka ba itshenkela go boifa Jehofa,
30 kgakololo ya me ba e ganela ruri; ba nyatsa kgalemo yotlhe ya me.
31 Ke gone ka moo ba tlaa jang loungo lwa tsela ya bone, ba tlaa kgora maano a ba a logileng ka bosi.
32 Gonne go tenega ga ba ba sa tlhalefang go tlaa ba bolaya, le boiketlo jwa dieleele bo tlaa di senya.
33 Yo o ntheetsang o tlaa aga ka polokego, o tlaa nna fela a sa boife bosula.”
1 Morwaaka, fa o ka tshola mafoko a me, wa ba wa ipeela ditaolo tsa me fa go wena,
2 wa sekegela botlhale tsebe, mme wa lebisa pelo ya gago kwa tlhaloganyong;
3 ee, fa o tlhaeletsa tlhalemaleje, mme wa tsholeletsa tlhaloganyo lentswe la gago;
4 fa o mmatla jaaka e ka bo e le selefera, fa o mo hukuletsa jaaka e kabo e le dikhumo tse di subegileng;
5 foo o tlaa tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tlaa bona kitso ya Modimo.
6 Gonne Jehofa o aba botlhale; kitso e tswa mo molomong wa gagwe, le tlhaloganyo.
7 O beela bathokgami botlhale jo bo itekanetseng, ke ene thebe kwa go ba ba tsamayang ka boitekanelo,
8 gore a femele ditselana tsa katlholo, a dibele tsela ya baitshepi ba gagwe.
9 Foo o tlaa tlhaloganya tshiamo le katlholo, le tekatekanyo, ee, tselana nngwe le nngwe e e molemo.
10 Gonne botlhale bo tlaa go tsena mo pelong, le kitso e tlaa nna monate mo moweng wa gago;
11 tlhalemaleje e tlaa go tlhodumela, tlhaloganyo e tlaa go boloka,
12 go go golola mo tseleng ya bosula, mo banneng ba ba buang dilo tsa lesoko,
13 ba ba tlogelang ditsela tsa thokgamo, gore ba tsamaye mo ditseleng tsa lefifi;
14 ba ba itumelang go dira bosula, ba ipela mo lesokong la bosula.
15 Ba ba kgopo mo ditseleng tsa bone, ba logwadi mo ditselaneng tsa bone.
16 Go go golola mo mosading yo o leng o sele, e bong mo mosading yo o leng o sele yo o rethefatsang mafoko a gagwe;
17 yo o latlhang tsala ya bokau jwa gagwe, a lebale kgolagano ya Modimo wa gagwe;
18 gonne ntlo ya gagwe e ganelela kwa losong, le ditselana tsa gagwe kwa baswing.
19 Mo go ba ba yang kwa go ene, ga go ope yo o bowang, le gone ga ba ke ba ye go wela ditselana tsa botshelo.
20 Gore o tle o tsamaye mo tseleng ya batho ba ba molemo, o tatamale fela le ditselana tsa basiami,
21 gonne bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng, le baitekanedi ba tlaa sala ba ntse ruri mo go lone.
22 Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng, le ba ba dirang ka bonongwana ba tlaa khumolwa mo go lone.
1 Morwaaka, o se ka wa lebala molao wa me; mme a pelo ya gago e tshegetse ditaolo tsa me,
2 gonne di tlaa go okeletsa boleele jwa malatsi, le dinyaga tsa botshelo, le kagiso.
3 A boutlwelobotlhoko bo se go tlogele le boammaaruri; o di bofelele mo thamong ya gago; o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago;
4 jalo o tlaa bona botsalano le tlotlego mo ponong ya Modimo le ya motho.
5 O ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, o se ka wa ikaega tlhaloganyo ya gago fela.
6 Mo ditseleng tsotlhe tsa gago o ipolele ene, mme o tlaa siamisa ditselana tsa gago.
7 O se ka wa nna botlhale mo matlhong a gago; boifa Jehofa, o bo o kgaogane le bosula.
8 E tlaa nna phodiso mo khubung ya gago, le moko mo marapong a gago.
9 Tlotla Jehofa ka thoto ya gago, le ka tsa ntlha tsa totafalelo yotlhe ya gago.
10 Jalo mabolokelo a gago a tlaa tlala letlotlo, le dithatholelo tsa gago di tlaa penologa bojalwa jo boša.
11 Morwaaka, o se ka wa nyatsa kwatlhao ya ga Jehofa; le gone o se ka wa lapisiwa ke kgalemo ya gagwe;
12 gonne yo Jehofa o mo ratang o tle a mo kgalemele; fela jaaka rra motho a tle a kgalemele morwawe yo o mo natefelang.
13 Go tlhogonolo motho yo o bonang botlhale, le motho yo o bapalang tlhaloganyo.
14 Gonne tlhwatlhwa ya yone e gaisa tlhwatlhwa ya selefera, le papadi ya lone e gaisa papadi ya gouta e e itshekileng.
15 O tlhokega bogolo go diperela; mme mo dilong tsotlhe tse o ka di eletsang ga go na sepe se se ka tshwantshiwang nae.
16 Boleele jwa malatsi bo mo seatleng sa gagwe se se siameng; mo seatleng sa gagwe sa molema go dikhumo le tlotlo.
17 Ditsela tsa gagwe ke ditsela tsa monate, le ditselana tsa gagwe tsotlhe ke kagiso.
18 O setlhare sa botshelo mo go ba ba mo tshwarang; go tlhogonolo mongwe le mongwe yo o mo itshadisetsang.
19 Jehofa o thaile lefatshe ka botlhale; a tlhomamisa magodimo ka tlhaloganyo.
20 Mateng a ne a phunyakwa ka kitso ya gagwe, mme loapi lo rotha monyo.
21 Morwaaka, a di se tloge mo matlhong a gago; o tshware botlhale jo bo itekanetseng le pharologanyo.
22 Jalo di tlaa nna botshelo mo moweng wa gago, le bontle mo thamong ya gago.
23 Foo o tlaa tsamaya mo tseleng ya gago ka thagamo, le lonao lwa gago ga lo ketla lo kgotswa.
24 E tlaa re o rapama ga o ketla o boifa; ee, o tlaa rapama fela, mme boroko jwa gago bo tlaa nna monate.
25 O se ka wa boifa poifo e e tshoganetsang, le fa e le go swafadiwa ga baikepi motlhang go tlang;
26 gonne Jehofa o tlaa nna boikanngo jwa gago, o tlaa boloka lonao lwa gago, gore lo se ka lwa tshwarwa.
27 Ba ba tshwanetsweng ke go direlwa molemo, o se ka wa gana ka one, fa go le mo thateng ya seatla sa gago go o dira.
28 O se ka wa raya wa gaeno wa re: “Tsamaya, o bo o tle gape, ka moso ke tlaa go naya;” le mororo selo o na naso.
29 O se ka wa logela wa gaeno maano a a bosula, e tswa a agile fa go wena ka thagamo.
30 O se ka wa lwela le motho lefela, fa a sa go direla molato ope.
31 O se ka wa rata wa bo o ka nna jaaka motho wa sesenyi, o bo o se ka wa itshenkela ditsela dipe tsa gagwe.
32 Gonne yo o logwadi ke mofedisa pelo mo go Jehofa; leoma la gagwe le na le yo o thokgameng.
33 Phutso ya ga Jehofa e mo ntlong ya moikepi; mme o segofatsa boago jwa mosiami.
34 Ruri o sotla basotli, mme o naya bakgobaladi bontlafalo.
35 Ba ba botlhale ba tlaa rua kgalalelo; mme dieleele di tlaa godisediwa ditlhonnyeng.
1 Bomorwaaka, utlwang thuto ya rra batho, lo tlhokomeleng go itse tlhaloganyo;
2 gonne ke lo naya thuto e e siameng; lo se ka lwa tlogela molao wa me.
3 Gonne ke ne ke le morwarre, ke le tlekeetso, ke ratega ke le nosi mo matlhong a ga mme.
4 Rre a nthuta a nthaya a re: “A pelo ya gago e tshegetse mafoko a me; o boloke ditaolo tsa me, mme o tshele:
5 Bapala botlhale, bapala tlhaloganyo; o se ka wa go lebala, le gone o se ka wa tenega mo mafokong a molomo wa me;
6 o se ka wa kgaogana nae, mme o tlaa go tlamela; o mo rate mme o tlaa go direla.
7 Botlhale ke selo se segolo bogolo go dilo tsotlhe; ke gone bapala botlhale: Ee, mo go tsotlhe tse o di bonyeng, o bo o bapetse tlhaloganyo.
8 O mo goletse, mme o tlaa go godisa; o tlaa go isa mo tlotlong, motlhang o mo tlamparelang.
9 O tlaa naya tlhogo ya gago kgopana ya bontlafalo: o tlaa go neela serwalo sa tlhogo sa bontle.”
10 Utlwa, morwaaka, o amogele dipolelo tsa me; mme dinyaga tsa botshelo jwa gago di tlaa nna dintsi.
11 Ke go rutile mo tseleng ya botlhale; ke go gogile mo ditselaneng tsa thokgamo.
12 E tlaa re o tsamaya, dikgato tsa gago ga di ketla di pitlaganngwa, fa o siana, ga o ketla o kgotswa.
13 Tshwara thuto thatathata; o se ka wa e lesa; o e tshegetse; gonne ke botshelo jwa gago.
14 O se ka wa tsena mo tseleng ya baikepi, o se ka wa tsamaya mo mekgweng ya batho ba ba bosula.
15 E thibogele, o se ka wa feta ka yone; o e fapoge, mme o fetele koo.
16 Gonne ga ba robale ba e se ba dire bosenyi pele; boroko mo go bone ga boyo, fa ba sa diga bangwe.
17 Gonne ba ja senkgwe sa boikepo, ba nwa bojalwa jwa mofine jwa thubakanyo.
18 Tselana ya mosiami e ntse jaaka lesedi le le phatsimang, le le phatsimelang pele fela go ya motshegareng o mogolo.
19 Mme tselana ya baikepi e ntse jaaka lefifi: ga ba itse se se ba kgopang.
20 Morwaaka, tlhokomela mafoko a me; sekegela dipolelo tsa me tsebe.
21 A di se tloge mo matlhong a gago; o di bolokele mo sekwalelong sa pelo ya gago.
22 Gonne di botshelo mo go ba ba di bonang, di bile di le phodiso fela mo nameng yotlhe ya bone.
23 Dibela pelo ya gago ka tlhoafalo yotlhe: gonne matso a botshelo a tswa mo go yone.
24 Molomo o o lesoko o o tlose fa go wena, le dipounama tse di kgopo o di beye kgakala nao.
25 A matlho a gago a lebele kwa pele, dintshi tsa matlho a gago di lolamele go lebela kwa pele ga gago fela.
26 Lekalekanya tsela ya dinao tsa gago, mme ditselana tsotlhe tsa gago di tlhomamisiwe.
27 O se ka wa fapogela ka fa ntlheng ya le legolo, kgotsa ya la molema: tlosa lonao lwa gago lo tswe mo bosuleng.
1 Morwaaka, tlhokomela botlhale jwa me; sekegela tlhaloganyo ya me tsebe,
2 gore o tle o boloke pharologanyo, le gore dipounama tsa gago di tshegetse kitso.
3 Gonne dipounama tsa mosadi o sele di rotha sedinotshe, magalapa a gagwe a boleta bogolo go lookwane.
4 Mme bokhutlo jwa gagwe bo botlhoko jaaka longana, bo bogale jaaka tšhaka e e magale mabedi.
5 Dinao tsa gagwe di fologela mo losong; dikgato tsa gagwe di ya go tshwara Bobipo.
6 Jalo wa bo a sa wele tselana e e papannweng ya botshelo; ditsela tsa gagwe di raraanye, mme a ba a sa go itse.
7 Mme jaana bomorwaaka, ka re, Ntheetsang, mme lo se ka lwa tlogela mafoko a molomo wa me.
8 Katosetsa tsela ya gago kgakala nae, o se ka wa atamela mojako wa ntlo ya gagwe,
9 o ka tla wa naya ba sele tlotlo ya gago, le dinyaga tsa gago wa di abela tse di bolalome.
10 Ba sele ba ka tla ba kgora nonofo ya gago; le matsapa a gago a nna mo ntlong ya motho wa seeng;
11 mme wa lela mo bokhutlong jwa gago, motlhang nama ya gago e tlhoregang, le mmele wa gago,
12 wa re: “A bo nkile ka ila thuto, pelo ya me ya nyatsa jang kgalemelo;
13 le gone ga ke a utlwa lentswe la baruti ba me, le fa e le go sekegela ba ba nthutileng tsebe!
14 Ka batla go nna mo bosuleng jotlhe, mo gare ga phuthego le kokoano ya batho.”
15 Nwa metsi mo sedibeletsong se e leng sa gago, le metsi a a elang mo motsweding o e leng wa gago.
16 A metswedi ya gago e tshwanetse go tšheamela koo kwa ntle, le dinoka tsa metsi go ya le mebila fela?
17 A e nne tsa gago o le wesi, mme e seng tsa ba sele nao.
18 A motswedi wa gago o nne sego; mme o itumele mo mosading wa bokau jwa gago.
19 Jaaka tshephe e namagadi e e lorato, le jaaka lefele le le namagadi le le natefang, a mabele a gagwe a go thethebatse ka metlha yotlhe, o nne o tlhapelwe ke lorato lwa gagwe ka metlha yotlhe.
20 Kana morwaaka, o ka bo o ratelang go tlhapelwa ke mosadi yo o leng o sele, wa tlamparela sehuba sa mosadi wa seeng?
21 Gonne ditsela tsa motho di fa pele ga matlho a ga Jehofa, mme o lekalekanya ditselana tsotlhe tsa gagwe.
22 Moikepi o tlaa tshwarwa ke maikepo a gagwe tota, mme o tlaa tshegediwa ke megala ya boleo jwa gagwe.
23 O tlaa swa ka go tlhoka thuto; mme mo bogolong jwa bosilo jwa gagwe o tlaa timela.
1 Morwaaka, fa o ineetse go nna moemedi wa motho wa gaeno, fa o opantse diatla tsa gago le moeng,
2 o a bo o raetswe ke mafoko a molomo wa gago, o tshwerwe ke mafoko a molomo wa gago.
3 Dira jaana, morwaaka, mme o ikgolole, ka e le fa o tsenye mo seatleng sa wa gaeno jaana; ya, o ikokobetse, o kokotlele wa gaeno.
4 O se ka wa lesa matlho a gago a robala, le fa e le dintshi tsa matlho a gago go bokalala.
5 O bo o ikgolole jaaka tshephe mo seatleng sa motsomi, le jaaka nonyane mo seatleng sa motshwara nonyane.
6 Ya kwa tshoswaneng wena mmodufadi; o akanye mekgwa ya yone, mme o tlhalefe;
7 e e reng e se na kgosi, le fa e le molebedi, kgotsa molaodi,
8 e be e etleetse dijo tsa yone go le selemo, e kokotletse dijo tsa yone mo lobakeng lwa thobo.
9 O tlaa rapama ka lobaka lo lo kaye, wena mmodufadi, o tlaa tsoga leng mo go robaleng?
10 Nama o sa robetse go le gonnye, o otsele go le gonnye, o lesololele boroko diatla,
11 jalo khumanego ya gago e tlaa tla jaaka senokwane, le lehuma la gago jaaka monna yo o tlhometseng dibolao.
12 Motho yo o seruti, motho wa boikepo, o tsamayatsamaya ka molomo o o lesoko.
13 O gwetlha ka matlho, a bue ka dinao, a gonetse ka menwana;
14 lesoko le mo pelong ya gagwe, o ntse a loga bosula ka metlha yotlhe; o jala kgotlhang mo bathong.
15 Ke gone ka moo tatlhego ya gagwe e tlaa tlang ka tshoganetso; o tlaa tshoga ka a thubilwe fela, mme e tlaa bo e le mo go se nang kalafo.
16 Go na le dilo di le thataro tse Jehofa o di ilang; ee, di supa tse di mo fedisang pelo, ke tse:
17 Matlho a a kadileng, loleme lo lo akang, le diatla tse di tshololang madi a motho a a se nang molato;
18 pelo e e logang ditlhatlhanyo tsa boikepo, dinao tse di bofefo go sianela kwa bosenying;
19 mosupi wa kako yo o bilolang maaka, le yo o jalang kgotlhang mo baneng ba monna.
20 Morwaaka, tshegetsa taolo ya ga rraago, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmaago.
21 Di bofelele mo pelong ya gago ka metlha yotlhe, o di gokelele mo thamong ya gago.
22 Motlhang o tsamayang di tlaa go goga; motlhang o robalang di tlaa go tlhodumela, mme motlhang o kubugang di tlaa bua nao.
23 Gonne taolo ke lobone; le molao ke lesedi, dikgalemo tsa thuto ke tsela ya botshelo,
24 go go dibela mo mosading yo o bosula, le mo go hakeng ga loleme lwa mosadi o sele.
25 O se ka wa eletsa bontle jwa gagwe mo pelong ya gago; le gone a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe.
26 Gonne motho o tle a humanegisiwe ke mosadi wa sepepe, bojotlhe jwa gagwe e ba e nna semathanyana sa bogobe fela; e bile mosadi yo o seaka o tle a tsome botshelo jo bo tlhokegang.
27 A motho o ka tsaya molelo mo sehubeng sa gagwe, mme diaparo tsa gagwe di sa še?
28 Kgotsa a mongwe o ka tsamaya mo godimo ga magala a a molelo, mme dinao tsa gagwe di sa še?
29 Yo o tsenang kwa mosading wa monna wa ga gabo o ntse jalo; le fa e le mang yo o mo amang ga a ketla a lesiwa fela a sa bediwe.
30 Batho ga ba nyatse legodu, fa le utswa gore mowa wa lone o kgore, motlhang le bolawang ke tlala.
31 Mme fa le tshwerwe, le tlaa lefa gasupa; le tlaa ntsha thoto yotlhe ya ntlo ya lone.
32 Yo o dirang boaka le mosadi, ga a na tlhaloganyo: yo o bo dirang o rata go senya mowa wa gagwe tota.
33 O tlaa tswa dintho le tlotlologo; mme go kgojwa ga gagwe ga go ketla go phimolwa.
34 Gonne lefufa ke bolau jwa monna; mme ga a ketla a rekegela mo motlheng wa pusoloso.
35 Ga a ketla a tlhokomela thekololo epe; le gone ga a ketla a diga pelo, le fa o ntsha dineo di le dintsi.
1 Morwaaka, tshegetsa mafoko a me, o beye ditaolo tsa me fa go wena.
2 Tshegetsa ditaolo tsa me o tshele; le molao wa me jaaka thaka ya leitlho la gago.
3 O di bofelele mo menwaneng ya gago; o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago.
4 Raya botlhale o re: “O kgaitsadiake;” o reye tlhaloganyo o re: “O wa bana ba ga mme;”
5 gore ba go dibele mo mosading wa seeng, mo moennyeng yo o fakang ka mafoko a gagwe.
6 Gonne e kile ya re ka fa seiponing sa ntlo ya me ka okomela ka marofana,
7 mme ka bona mo go ba ba sa tlhalefang, ka lemoga mo makaung, motho mongwe wa lekau yo o se nang tlhaloganyo,
8 a feta le mmila gaufi le kgokgotsho ya mosadi yoo, mme a otobela kwa tseleng e e yang kwa ntlong ya gagwe;
9 ka lotlatlana, ka maabanyane, mo bontshong jwa bosigo, le jwa lefifi.
10 Mme bonang, a kgatlhantshiwa ke mosadi a apere diaparo tsa seaka, mme a le pelo e e boitobo.
11 O a tle a phokelele, a itaole, dinao tsa gagwe ga di ke di nna mo ntlong ya gagwe:
12 Jaana o mo mebileng, kgantele o mo dipatlelong, mme a lalele fa marakanelong a otlhe.
13 Jalo a mo tshwara a mo atla, a iphimola sefatlhogo, a mo raya a re:
14 “Ditlhabelo tsa ditshupelo tsa kagiso di kwa go nna; ke lefetse maikano a me ka tsatsi leno.
15 Ke gone ke moo ke duleng go go kgatlhantsha, go batla sefatlhogo sa gago ka tlhoafalo, jaanong ke go fitlhetse.
16 Ke adile bolao jwa me ka diphate tse di matsabatsaba, le ka matsela a a mebalabala a tlhale ya Egepeto.
17 Ke natefesitse bolao jwa me ka malao a mera, le aloe, le kinamone.
18 Ntlo, re ineele mo thatong ka botlalo go ya mosong; a re ikgomotse ka marato.
19 Gonne monna ga a yo mo gae, o ile loetong lo loleele.
20 O tshotse kgetsi ya madi; o tlaa boela gae kgwedi e le tshweu.”
21 A mo kgona ka go bua sentle ga gagwe mo gogolo, a mo kgola ka go haka ga dipounama tsa gagwe.
22 A mo sala morago ka bonako, jaaka kgomo e ya go tlhajwa, kgotsa jaaka seiaie fa se ya dikgolegong tsa kwatlhao;
23 go tsamaya motswi o mo phololetsa sebete; jaaka nonyane e tle e itlhaganelele seru, e sa itse fa e le tatlhego ya botshelo.
24 Ke gone jaana bomorwaaka, ntheetsang, lo tlhokomele mafoko a molomo wa me.
25 A pelo ya gago e se ka ya fapogela kwa tseleng ya gagwe, o se ka wa timelela mo ditselaneng tsa gagwe.
26 Gonne o digile batho ba le bantsi ba ntshitswe dintho; ee, ba ba bolailweng ke ene ke bontsi jo bogolo.
27 Ntlo ya gagwe ke tsela e e yang Bobipong, e fologela mo matsatseng a loso.
1 A Botlhale ga a kue, tlhaloganyo a ga a tsholetse lentswe la gagwe?
2 Kwa godimo ga mafelo a a godimo fa tseleng, fa ditselana di kopanelang gone, o eme gone;
3 fa dikgorong, fa botsenong jwa motse, fa go tsenwang ka mejako gone, o kuela godimo; a re:
4 “Ke kua lona banna; lentswe la me le buisa bana ba batho.
5 Lona ba lo sa tlhalefang, tlhaloganyang matseba, le lona dieleele lo nne pelo e e tlhaloganyang.
6 Utlwang, gonne ke tlaa bua dilo tse di gaisang mo go feteletseng; go tumologa ga dipounama tsa me e tlaa nna ga dilo tse di siameng.
7 Gonne molomo wa me o tlaa bolela boammaaruri; boikepo ke makgapha mo dipounameng tsa me.
8 Mafoko otlhe a molomo wa me a mo tshiamong; ga go na sepe se se sokameng, le fa e le se se kgopo mo go one.
9 A bonala sentle fela otlhe mo go ene yo o tlhaloganyang, a siame mo go ba ba bonang kitso.
10 Tsholang thuto ya me, e seng selefera; le kitso bogolo go gouta e e tlhophegileng.
11 Gonne botlhale bo molemo bogolo go diperela, mme dilo tsotlhe tse motho o ka di eletsang ga di na go tshwantshiwa le jone.
12 Nna, botlhale, ke dirile matseba boago jwa me, ke tsoma kitso le pharologanyo.
13 Go boifa Jehofa ke go ila bosula; boikgodiso, le bogoma, le mokgwa o o bosula le molomo o o lesoko, ke dilo tse ke di ilang.
14 Kgakololo ke ya me, le kitso e e itekanetseng; ke nna tlhaloganyo; ke na le thata.
15 Dikgosi di busa ka nna, le dikgosana di tlhoma molao wa tshiamo ke nna.
16 Dikgosana di laola ka nna le bagolwane, e bong baatlhodi botlhe ba lefatshe.
17 Ke rata bone ba ba nthatang; ba ba mpatlang ka tlhoafalo ba tlaa mpona.
18 Dikhumo ke na natso le tlotlo, ee, dikhumo tse di tlhomameng, le tshiamo.
19 Loungo lwa me lo molemo bogolo go gouta, ee, bogolo go gouta e e itshekileng; le totafalelo ya me bogolo go selefera se se tlhophegileng.
20 Ke sepela mo tseleng ya tshiamo, mo gare ga ditselane tsa tshiamiso.
21 Gore ba ba nthatang ke ba jese boswa jwa dilo, le gore ke tlatse matlo a bone a a bayang mahumo.
22 Jehofa o ne a na le nna mo tshimologong ya tsela ya gagwe, pele ga ditiro tsa gagwe tsa bogologolo.
23 Ke sa le ke emisiwa kwa bosasimologeng kwa tlholegong, lefatshe le ise le be le nne.
24 E rile go se na ditsiba tse di botengteng, ka tsalwa; jale go se na metswedi e e tletseng metsi.
25 Pele dithaba di ise di itshetlele, le pele ga dithabana, ka tsalwa.
26 E rile a ise a dire lefatshe, le fa e le dinaga, le fa e le tshimologo ya lorole lwa lobopo,
27 jale ka a etleetsa magodimo, ka bo ke le gone. Jale ka a baya tikwatikwe mo bophadiphading jwa setsiba se se boteng;
28 e rile a tiisa loapi kwa godimo, jale ka metswedi ya boteng e pumpunyega;
29 e rile a beela lewatle molelwane wa lone, gore metsi a tle a se ka a tlola taolo ya gagwe; ya re a rala metheo ya lefatshe,
30 foo ke ne ke le fa go ene, jaaka motho yo e leng tlhogo ya tiro; ke le natefelo ya gagwe ka malatsi otlhe, ke ntse ke itumela ka metlha yotlhe fa pele ga gagwe.
31 Ka itumelela lefatshe la gagwe le le nnwang; natefelo ya me le yone e le mo baneng ba batho.
32 Ke gone jaana, bomorwaaka, ka re: Ntheetsang, gonne go sego ba ba tshegetsang ditsela tsa me.
33 Utlwang thuto, lo tlhalefe, mme lo se ka lwa e gana.
34 Go sego motho yo o nkutlwang, a ntse a lebeletse fa dikgorong tsa me, a ntse a letile fa mephakwaneng ya mejako ya me.
35 Gonne yo o mponang o bona botshelo, mme o tlaa bona botsalano mo go Jehofa.
36 Mme yo o nteofelang o siamololela mowa wa gagwe tota; botlhe ba ba nkilang ba rata loso.”
1 Botlhale o agile ntlo ya gagwe, o betlile maotwana a gagwe a supa.
2 O tlhabile dikgomo tsa gagwe; o tlhakantse bojalwa jwa gagwe jwa mofine; o bile o baakantse lomati lwa gagwe lwa bojelo.
3 O romile barweetsana ba gagwe, o kua a tlhatlogile mafelo a a godimodimo mo motseng, a re:
4 “Le fa e le mang yo o sa tlhalefang, a a tsene kwano!” Ka ga gagwe yo o se nang tlhaloganyo, o mo raya a re:
5 “Ntlong lo je senkgwe sa me, lo nwe bojalwa jwa mofine jo ke bo tlhakantseng.
6 Bakelang go dira boeleele, lona ba lo sa tlhalefang, lo tshele; lo sepele mo tseleng ya tlhaloganyo.”
7 Yo o otlhayang mosotli o inaya ditlhong fela; le yo o kgalemelang moikepi o ipaya setshubaba fela.
8 O se ka wa kgalemela mosotli, o ka tla a go ila; kgalemela motho yo o botlhale, mme o tlaa go rata.
9 Naya motho yo o botlhale thuto, mme o tlaa tlhalefa bogolo; ruta motho yo o siameng, mme o tlaa totafala mo thutong.
10 Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale; go itse Moitshepi ke yone tlhaloganyo.
11 Gonne malatsi a gago a tlaa ntsifadiwa ke nna, le dinyaga tsa botshelo jwa gago di tlaa okediwa.
12 Fa o le botlhale, o a bo o itlhalefetse; fa o sotla, ke wena wesi o tlaa go belegang.
13 Mosadi wa seeleele o tle a phokelele fela; ga a a tlhalefa, ga a itse sepe.
14 O tle a dule fa mojakong ga ntlo ya gagwe, mo setulong se se mo mafelong a godimo mo motseng,
15 gore a tle a tlhaeletse ba ba fetang, ba ba tlhamaletseng le ditsela tsa bone, a re:
16 “Le fa e le mang yo o sa tlhalefang, a a tsene kwano;” mme ka ga gagwe yo o se nang tlhaloganyo, a mo reye a re:
17 “Metsi a a utswiwang a monate, le senkgwe se se jelwang mo sephiring se a natefa.”
18 Mme monna yo a sa itse fa baswi ba gone; le go re ba o ba laleditseng ba mo matennyeng a Bobipo.
1 Diane tsa ga Solomone. Mosimane yo o botlhale o itumedisa rraagwe, mme mosimane yo o seeleele ke khutsafatso ya ga mmaagwe.
2 Dikhumo tsa boikepo ga di thuse sepe, mme tshiamo e golola mo losong.
3 Jehofa ga a ketla a leseletsa mowa wa mosiami go nna mo logabeng, mme o kgoromeletsa keletso ya moikepi koo.
4 Motho yo o dirang ka seatla se se bolea o tle a humanege, mme seatla sa yo o tlhoafetseng se a humisa.
5 Yo o kokoanyang go le selemo ke ngwana wa mosimane yo o botlhale, mme yo o robalang mo motlheng wa thobo ke ngwana wa mosimane yo o tlhabisang ditlhong.
6 Masego a mo tlhogong ya mosiami, mme thubako e bipa moikepi molomo.
7 E sego kgakologelo ya mosiami, mme leina la moikepi le tlaa bola.
8 Yo o pelo e e botlhale o tle a tshole ditaolo, mme lesilo le le balabalang le tlaa wa.
9 Yo o tsamayang ka thokgamo o tsamaya ka tlhomamo, mme yo o sokamisang tsela ya gagwe o tlaa itsiwe.
10 Yo o gwetlhang ka leitlho o tsosa bohutsana, mme seeleele se se balabalang se tlaa wa.
11 Molomo wa mosiami ke motswedi wa botshelo, mme bothubako bo bipa moikepi molomo.
12 Kilo e tsosa dikgang, mme lorato lo bipa ditlolo tsotlhe.
13 Mo dipounameng tsa yo o nang le tlhalemalejo go fitlhelwa botlhale, mme thupa e lebanye mokotla wa yo o se nang tlhaloganyo.
14 Batho ba ba botlhale ba boloka kitso, mme molomo wa seeleele ke tshenyego e e fa gaufi fela.
15 Khumo ya mohumi ke yone motse wa gagwe o o thata, se se senyang bahumanegi ke lehuma la bone.
16 Letsapa la mosiami le isa kwa botshelong; totafalelo ya moikepi e isa boleong.
17 Yo o elang kwatlhao tlhoko o mo tseleng ya botshelo, mme yo o latlhang kgalemelo o a timela.
18 Yo o lobang kilo o dipounama tse di akang, mme yo o utlwatsang tshebo o seeleele.
19 Mo bontsing jwa mafoko ga go ko go tlhokafala tlolo, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o botlhale.
20 Loleme lwa mosiami lo ntse jaaka selefera se se tlhophegileng, mme pelo ya moikepi e molemo o monnye fela.
21 Dipounama tsa mosiami di otla batho ba bantsi, mme masilo a swa ka go tlhoka tlhaloganyo.
22 Tshegofatso ya ga Jehofa e a humisa, ga a ke a e oketsa ka bohutsana.
23 Go ntse jaaka tshameko fela mo mothong wa seeleele go dira boikepo, mme botlhale bo ntse jalo mo mothong wa tlhaloganyo.
24 Poifo ya moikepi e tlaa tla mo go ene, mme keletso yo mosiami o tlaa e newa.
25 E re fa setsuatsue se feta, moikepi a ba a sa tlhole a leyo, mme mosiami ke motheo wa bosaenkae.
26 Jaaka bojalwa jo bo bodila mo menong, le jaaka mosi mo matlhong, motho yo o bobodu o ntse jalo mo go ba ba mo romang.
27 Go boifa Jehofa go oketsa malatsi, mme dinyaga tsa moikepi di tlaa khutsafadiwa.
28 Tsholofelo ya mosiami e tlaa nna boitumelo, mme tebelelo ya moikepi e tlaa nyelela.
29 Tsela ya ga Jehofa ke kago e e thata ya phemelo mo mosiaming, mme ke tshenyo mo go ba ba dirang boikepo.
30 Mosiami ga a ketla a sutisiwa gope, mme moikepi ga a ketla a aga mo lefatsheng.
31 Molomo wa mosiami o ntsha botlhale, mme loleme lo lo lesoko lo tlaa kgaolwa.
32 Dipounama tsa mosiami di itse se se lebosegang, mme molomo wa moikepi o bua tse di lesoko fela.
1 Selekanyo sa pego se se tsietsang ke se se makgapha mo go Jehofa, mme sebokete se se lekanyeng se a mo natefela.
2 E re fa boikgodiso bo tla, foo go tle ditlhong, mme botlhale bo nna le yo o ikgobalatsang.
3 Botlhoka molato jwa bathokgami bo tlaa ba goga, mme lesoko la ba ba bongowane le tlaa ba senya.
4 Dikhumo ga di thuse sepe mo tsatsing la bogale, mme tshiamo e golola mo losong.
5 Tshiamo ya moitekanedi e tlaa mo kaela tsela ya gagwe, mme moikepi o tlaa wa ka boikepo jwa gagwe.
6 Tshiamo ya bathokgami e tlaa ba golola, mme ba ba dirang ka bonongwane ba tlaa tshwarelwa mo bosenying jwa bone fela.
7 Motlhang motho wa boikepo o swang, tebelelo ya gagwe e nyelele, le tsholofelo ya boikepo e fele.
8 Mosiami o gololwa mo tlalelong, mme moikepi a tsene mo boemong jwa gagwe.
9 Motho yo o sa reng Modimo sepe o senya wa ga gabo ka molomo wa gagwe, mme mosiami o tlaa gololwa ka kitso.
10 E a re go nna molemo mo mosiaming motse o itumele, mme mogang moikepi o nyelelang, go nne tuduetso.
11 Motse o golediwa ke tshegofatso ya mothokgami, mme o ribegediwe ke molomo wa moikepi.
12 Yo o nyatsang wa ga gabo ga a na botlhale, mme motho wa tlhaloganyo o ithiba mo puong.
13 Yo o tsamayatsamayang e le mosebi o senola maoma, mme yo o mowa wa boikanngo o a a loba.
14 Kwa go se nang kgogo ya botlhale gone, batho ba a wa, mme mo bontsing jwa bagakolodi go nne le polokego.
15 Yo o leng moemedi wa moeng o tlaa babalesega ka gone, mme yo o ilang kemelo o tlhomame.
16 Mosadi yo o pelotshweu o nnela ruri le tlotlo; mme batho ba ba thubakang ba nnela ruri le khumo.
17 Motho yo o boutlwelobotlhoko o itirela mowa wa gagwe molemo, mme yo o selalome o itshwenya nama ya gagwe.
18 Moikepi o ipapalela tuelo ya tsietso, mme yo o jalang tshiamo o na le tuelo e e tlhomameng.
19 Yo o nitameng mo tshiamong o tlaa fitlha kwa botshelong. Mme yo o latelelang bosula o dira jalo go tla a inaya loso.
20 Ba ba lesoko mo pelong ke difedisa pelo mo go Jehofa, mme ba ba itekanetseng mo tseleng ya bone, ke natefelo ya gagwe.
21 Le fa seatla se tshwaragana le seatla, motho yo o bosula ga a ketla a tlhoka petso, mme losika lwa mosiami lo tlaa gololwa.
22 Jaaka lenyena la gouta mo nkong ya kolobe, mosadi yo montle, yo o se nang pharologanyo, o ntse fela jalo.
23 Keletso ya mosiami ke molemo fela, mme tebelelo ya moikepi ke bogale jo bogolo.
24 Go na le mo go gasegang, mme go totafale bogolo, mme go bile go na le gonoga bogolo go tshwanelo, mme go ise lehumeng fela.
25 Motho yo o fang ka pelontle o tlaa nontshiwa, le yo o nosang le ene ka esi o tlaa nosiwa.
26 Yo o gonang ka mabele, batho ba tlaa mo hutsa, mme tshegofatso e tlaa nna mo tlhogong ya yo o a rekisang.
27 Motho yo o batlang molemo ka tlhoafalo o batla botsalano, mme yo o senkang bosenyi, bo tlaa tla mo go ene.
28 Yo o ikanyang khumo ya gagwe o tlaa wa, mme mosiami o tlaa kgaba jaaka lekakaba le letala.
29 Yo o tshwenyang ntlo ya gagwe o tlaa ja phefo boswa, le lesilo le tlaa nna motlhanka wa yo o pelo e e botlhale.
30 Loungo lwa mosiami ke setlhare sa botshelo, mme le yo o botlhale o tle a gape mewa ya batho.
31 Bonang, mosiami o tlaa duelwa mo lefatsheng, bogolo jang moikepi le moleofi!
1 Le fa e le mang yo o ratang thuto o rata kitso, mme yo o ilang kgalemelo o seholofolo fela.
2 Motho yo o molemo o tlaa bona botsalano mo go Jehofa, mme o tlaa sekisa motho yo o maano a boikepo.
3 Motho ga a ketla a tlhomamisiwa ka boikepo, mme motswe wa mosiami ga o ketla o tshikinngwa gope.
4 Mosadi yo o mokgwa montle o o iphaphileng ke serwalo sa tlhogo mo monneng wa gagwe, mme yo o tlhabisang ditlhong o ntse jaaka sebodu mo marapong a gagwe.
5 Megopolo ya basiami e lekalekanye, mme dikgakololo tsa baikepi ke tsietso.
6 Mafoko a baikepi ke a go lalela madi a motho go a tsholola, mme molomo wa bathokgami o tlaa ba golola.
7 Baikepi ba ribegeditswe, mme ga bayo, mme ntlo ya mosiami e tlaa ema.
8 Motho o tlaa bolelwa ka molemo ka fa botlhaleng jwa gagwe, mme yo o pelo e e lesoko o tlaa nyadiwa.
9 Motho yo o kobelwang tlase, mme a na le motlhanka, o gaisa yo o itlotlang, mme a tlhoka dijo.
10 Motho yo o siameng o tle a gopole botshelo jwa kgomo yabo, mme mautlwelobotlhoko a moikepi ke bolalome fela.
11 Yo o lemalemang masimo a gagwe o tlaa bona letlotlo la dijo, mme yo o salang maithamako morago ga a na tlhaloganyo.
12 Moikepi o eletsa tsa lotloa lwa batho ba ba bosula, mme motswe wa mosiami o ungwa loungo.
13 Seru sa motho yo o bosula se mo tlolong ya dipounama, mme mosiami o tlaa tswa mo tlalelong.
14 Motho o tlaa kgora molemo ka loungo lwa molomo wa gagwe, mme madiro a diatla tsa motho o tlaa a busediwa.
15 Tsela ya lesilo e siame mo matlhong a lone, mme yo o botlhale o tle a reetse kgakololo.
16 Go kgoberega ga lesilo go itsiwe ka bonako, mme motho yo o ikgapang o fitlha ditlhong.
17 Yo o bolelang boammaaruri o bonatsa tshiamo, mme mosupi wa kako o bonatsa tsietso.
18 Go na le go bua ka kgakgabuelo jaaka ditlhabo tsa putlela, mme loleme lwa motho yo o botlhale ke phodiso.
19 Pounama ya boammaaruri e tlaa tlhomama ka bosakhutleng, mme loleme lo lo akang lo ema ka ponyo ya leitlho fela.
20 Tsietso e mo pelong tsa ba ba logang bosula, mme bagakolodi ba kagiso ba na le boitumelo.
21 Basiami ga ba ketla ba diralelwa ke bosenyi bope, mme baikepi ba tlaa tlalelwa ke bosula.
22 Dipounama tse di akang ke sefedisa pelo mo go Jehofa, mme ba ba dirang ka boammaaruri ba a mo natefela.
23 Motho yo o ikgapang o loba kitso, mme dipelo tsa dieleele di bolela bosilo.
24 Seatla sa motlhoafadi se tlaa busa, mme seramatla se tlaa dirisiwa tiro ka thata.
25 Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise, mme lefoko le le molemo le e ipedise.
26 Mosiami ke mokayatsela mo go wa ga gabo, mme tsela ya baikepi e a ba timetsa.
27 Yo o seramatla ga a ke a besa se o se bolaileng a ile go tsoma, mme dithoto tse di tlhokegang tsa batho di tle di nne kwa batlhoafading.
28 Botshelo bo mo tseleng ya tshiamo, le mo tselaneng ya yone ga go na loso.
1 Ngwana wa mosimane yo o botlhale o utlwa thuto ya ga rraagwe, mme mosotli ga a utlwe kgalemelo.
2 Motho o tlaa ja se se molemo ka loungo lwa molemo wa gagwe, mme mowa wa yo o bonongwane o tlaa ja thubakego.
3 Yo o dibelang molomo wa gagwe o ipolokela botshelo, mme yo o atlhamolosang dipounama tsa gagwe thata o tlaa bona tshenyego.
4 Mowa wa serorobe o a eletsa, mme ga o na sepe, mme mowa wa motlhoafadi o tlaa nontshiwa.
5 Motho yo o siameng o ila maaka, mme motho yo e leng moikepi o nkga sebodu, mme o wela mo ditlhonngeng.
6 Tshiamo e dibela ene yo o thokgameng mo tseleng, mme boikepo bo ribegetsa moleofi.
7 Go na le yo o ikhumisang, le fa go ntse jalo ga a na sepe; go na le yo o ikhumanegisang, le fa go ntse jalo a ne le khumo e kgolo.
8 Serekololo sa botshelo jwa motho ke dikhumo tsa gagwe, mme mohumanegi ga a utlwe go bopelwa gope.
9 Lesedi la mosiami le a itumela, mme lobone lwa moikepi lo tlaa tingwa.
10 Go tla komano fela ka boikgodiso, mo go yo o amogetseng kgakololo sentle go na le botlhale.
11 Khumo e e bonyweng ka boithamako e tlaa ngotlafadiwa, mme yo o phuthang ka go dira ka mabogo o tlaa totelwa.
12 Tsholofelo e e diegisiwang e tle e ngodise pelo, mme motlhang seeletso se tlang e be e le setlhare sa botshelo.
13 Le fa e le mang yo o nyatsang lefoko o iteretse tshenyego, mme yo o boifang taolo o tlaa duelwa.
14 Molao wa ba ba botlhale ke motswedi wa botshelo, ke go tlogela diru tsa loso.
15 Tlhaloganyo e e molemo e naya motho botsalano, mme tsela ya yo o bonongwane e makgawekgawe fela.
16 Motho mongwe le mongwe yo o bonokopela o dira ka kitso, mme seeleele se tle se tsharolole bosilo.
17 Morongwa yo o ikepang o wela mo bosuleng, mme morongwa yo o boikanngo ke phodiso.
18 Khumanego le ditlhong di tlaa nna kwa go yo o ganang thuto, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o tla tlotlwa.
19 Keletso e e dirafetseng e monate mo moeng, mme go fedise dieleele pelo go tloga mo bosuleng.
20 Tsamaya le batho ba ba botlhale, mme o tlaa nna botlhale, mme monkana wa dieleele o tlaa utlwisiwa botlhoko ke gone.
21 Bosula bo khukhela baleofi, mme basiami ba tlaa duelwa ka molemo.
22 Motho yo o molemo o tlogelela bana ba gagwe boswa, mme khumo ya moleofi e beetswe basiami.
23 Go dijo dikgolo mo temong ya bahumanegi, mme go tle go nne le mo go senngwang ka ntlha ya go faposiwa ga tshiamiso.
24 Yo o rekegelang thupa o ila morwawe, mme yo o mo ratang o tle a mo watlhae go sa le gale.
25 Mosiami o jela go kgorisa mowa wa gagwe, mme mpa ya moikepi e tlaa gabalala.
1 Mosadi mongwe le mongwe yo o tlhalefileng o aga ntlo ya gagwe, mme yo o seeleele o e rutlolola ka diatla tsa gagwe.
2 Yo o sepelang mo tshiamong ya gagwe o boifa Jehofa, mme yo o logwadi mo tseleng tsa gagwe o a mo nyatsa.
3 Mo molomong wa dieleele go na le thupa e e betsang boikgodiso, mme dipounama tsa ba ba tlhalefileng di tlaa ba boloka.
4 Kwa go se nang dikgomo gone, lesaka le tle le nne phepa fela, mme go nne totafalo e kgolo ka thata ya kgomo.
5 Mosupi wa boikanngo ga a ke a aka, mme mosupi wa tsietso o bilola maaka fela.
6 Mosotli o batla botlhale, mme ga a bo bone, mme kitso e bofefo mo go ene yo o nang le tlhaloganyo.
7 Tsena fa pele ga motho yo o seeleele, mme ga o ketla o lemoga mo go ene dipounama tsa kitso.
8 Botlhale jwa senokopela ke go tlhaloganya tsela ya sone, mme boeleele jwa dieleele ke tsietso.
9 Masilo a sotla ka boleo, mme mo bathokgaming go na le pelontle.
10 Pelo e ikitse bogalaka jwa yone, mme moeng ga a ke a itlhakanya le boitumelo jwa yone.
11 Ntlo ya moikepi e tlaa ribegediwa, mme mogope wa mothokgami o tlaa kgaba.
12 Go na le tsela e eketeng e siame mo mothong, mme bokhutlo jwa yone ke ditsela tsa loso.
13 Le mo setshegong pelo e tle e nne bohutsana, mme bokhutlo jwa tlhapelo ke mahumapelo.
14 Motenegi mo pelong o tlaa kgora ditsela tsa gagwe ka esi, le motho yo o molemo o tlaa ikgorisa ka esi.
15 Motho yo o sa tlhalefang o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme senokopela se tle se itebe tsamao ya sone sentle.
16 Motho yo o botlhale o a boifa, mme a kgaogane le bosula, mme seeleele se dira ka makgakga, mme se ikgantshe.
17 Yo o bonako go galefa o tle a dire ka boeleele, le motho yo o maano a boikepo o a ilwa.
18 Ba ba sa tlhalefang ba ja boeleele boswa, mme ba ba bonokopela ba rwesiwa kitso mo tlhogong.
19 Ba ba bosula ba tle ba iname fa pele ga ba ba molemo, le baikepi fa dikgorong tsa basiami.
20 Mohumanegi o ilwa le ke wa ga gabo, mme mohumi o na le ditsala di le dintsi.
21 Yo o nyatsang wa ga gabo o a leofa, mme yo o tlhomogelang mohumanegi pelo go sego ene.
22 A ga ba timele ba ba logang bosula? Mme go tlaa nna boutlwelobotlhoko le boammaaruri kwa go ba ba logang molemo.
23 Mo tirong yotlhe go na le thuso; mme palabalo ya dipounama e isa fela mo khumanegong.
24 Serwalo sa tlhogo sa ba ba botlhale ke dikhumo tsa bone, mme boeleele jwa dieleele ke boeleele fela.
25 Mosupi wa ammaaruri o golola mewa ya batho, mme yo o bilolang maaka o tsosa tsietso.
26 Mo go boifeng Jehofa go na le boikanyo jo bo thata, mme bana ba gagwe ba tlaa dirana le botshabelo.
27 Go boifa Jehofa ke motswedi wa botshelo, ke go tlogela diru tsa loso.
28 Kgalalelo ya kgosi ke go dirana le bontsi jwa batho; mme tshenyego ya kgosana ke go tlhoka batho.
29 Ene yo o bonya ga galefa o na le tlhaloganyo e kgolo, mme yo o mowa o potlakang o godisa bosilo.
30 Pelo e e thethebetseng fela ke botshelo jwa nama, mme bopelotshetlha ke podiso ya marapo.
31 Yo o patikang mohumanegi o kgoba Mmopi wa gagwe, mme yo o tlhomogelang motlhoki pelo o a mo tlotla.
32 Moikepi o tlobelelwa mo go direng bosula ga gagwe, mme mosiami o na le tsholofelo mo losong lwa gagwe.
33 Botlhale bo ikhutsa mo pelong ya yo o nang le tlhaloganyo, mme se se mo botengnyeng jwa dieleele se a utlwadiwa.
34 Tshiamo e goletsa morafe, mme boleo ke kgobo mo tšhabeng nngwe le nngwe.
35 Natefo ya kgosi e lebanye le motlhanka yo o dirang ka botlhale, mme bogale jwa yone bo tukele ene yo o tlhabisang ditlhong.
1 Phetolo e e bonolo e thibosa bogale, mme lefoko le le tlhokofatsang le tle le tlhotlheletse bogale.
2 Loleme lwa ba ba tlhalefileng lo bolela kitso ka go siameng, mme molomo wa dieleele o gorometse boeleele fela.
3 Matlho a ga Jehofa a mo mafelong otlhe, a lebeletse ba ba bosula le ba ba molemo.
4 Loleme lo lo phepa ke setlhare sa botshelo, mme fa bogwadi bo le mo go lone bo phatlole pelo.
5 Lesilo le nyatsa thuto ya rra lone, mme yo o elang kgalemelo tlhoko o bapala bonokopela.
6 Mo ntlong ya mosiami go na le khumo e kgolo, mme mo dibapalong tsa baikepi go na le letshwenyo.
7 Dipounama tsa ba ba tlhalefileng di gasa kitso, mme pelo ya dieleele ga e dire jalo.
8 Setlhabelo sa baikepi ke makgapha mo go Jehofa, mme morapelo wa mothokgami o a mo natefela.
9 Tsela ya moikepi ke makgapha mo go Jehofa, mme o rata ene yo o latelang tshiamo.
10 Yo o tlogelang tsela o na le go otlhaiwa mo go botlhoko, mme yo o ilang kgalemelo o tlaa swa.
11 Bobipo le Bosenyegelo ke dilo tse di senogileng fa pele ga Jehofa, mme dipelo tsa batho tsone bogolo jang!
12 Mosotli ga a rate go kgalemelwa, ga a ketla a ya kwa go yo o tlhalefileng.
13 Pelo e e ntseng mokete e sesa sefatlhogo, mme mowa o phatlolwe ke bohutsana jwa pelo.
14 Pelo ya yo o nang le tlhaloganyo e batla kitso, mme melomo ya dieleele e theneketse bosilo fela.
15 Malatsi otlhe a ba ba patikwang a bosula, mme yo pelo ya gagwe e jang monate o na le modiro o o sa khutleng.
16 Bonnye fa bo na le poifo ya ga Jehofa, bo molemo bogolo go khumo e kgolo, fa e na le letshwenyo.
17 Go ja dijo tsa merogo fela, fa e na le lorato, go molemo bogolo go kgomo e e otlilweng, fa e na le kilo.
18 Motho yo o šakgalang bobe o tlhotlheletsa kgang, mme yo o bonya go galefa o kokobetsa komano.
19 Tsela ya serorobe e ntse jaaka logora lwa mitlwa, mme tselana ya mothokgami e dirwa ya mheru fela.
20 Mosimane yo o tlhalefileng o itumedisa rraagwe, mme motho wa seeleele o nyatsa mmaagwe.
21 Bofafalele ke boitumelo fela mo go yo o tlhokang botlhale, mme motho yo o nang le tlhaloganyo o siamisa motsamao wa gagwe.
22 Kwa go se nang kgakololo gone, maikaelelo a tle a tlhaele, mme mo bontsing jwa bagakolodi a tle a tlhomame.
23 Motho o na le boitumelo mo go fetoleng ga molomo wa gagwe; mme lefoko, fa le buiwa mo lobakeng lo e leng lone, le molemo jang!
24 Mo go ba ba tlhalefileng tsela ya botshelo e tlhatlogela kwa godimo, gore ba tlogelele Bobipo kwa tlase.
25 Jehofa o tlaa epolola ntlo ya ba ba ikgodisang, mme o tlaa tlhomamisa mololwane wa mosadi wa motlholagadi.
26 Ditogamaano tse di bosula di makgapha mo go Jehofa, mme mafoko a a monate a itshekile.
27 Yo o segagapa mo papading o tshwenya ntlo ya gagwe, mme yo o ilang dimpho o tlaa tshela.
28 Pelo ya mosiami e tlhatlhanya go fetola, mme molomo wa baikepi o tle o gorometse dilo tse di bosula.
29 Jehofa o kgakala le baikepi, mme o utlwa morapelo wa basiami.
30 Lesedi la matlho le itumedisa pelo, le mafoko a a molemo a nontsha marapo.
31 Tsebe e e reetsang kgalemelo ya botshelo e tlaa nnela ruri mo go ba ba tlhalefileng.
32 Yo o ganang kwatlhao o inyatsa mowa, mme yo o reetsang kgalemelo o bona tlhaloganyo.
33 Go boifa Jehofa ke yone thuto ya botlhale, mme boikokobetso bo tle bo etelele tlotlo pele.
1 Ditogamaano tsa pelo ke tsa motho, mme phetogo ya loleme e tswa mo go Jehofa.
2 Ditsela tsotlhe tsa motho di dintle mo matlhong a gagwe, mme Jehofa o lekanya bokete jwa mewa.
3 Neela Jehofa ditiro tsa gago, mme maikaelelo a gago a tlaa tlhomama.
4 Jehofa o diretse sengwe le sengwe kwa se direlang gone, ee, le e leng baikepi o ba diretse letsatsi la bosula.
5 Mongwe le mongwe yo o pelo e e ikgodisang o sefedisapelo mo go Jehofa, le fa seatla se tshwaragana le seatla, ene ga a ketla a tlhoka petso.
6 Boikepo bo tlhapisiwa bo tlosiwa ke boutlwelobotlhoko le boammaaruri, le gone batho ba kgaogana le bosula ka go boifa Jehofa.
7 E a re fa ditsela tsa motho di kgatlha Jehofa, o tle a dire gore le e leng baba ba gagwe ba agisanye nae.
8 Bonnye, fa bo na le tshiamo, bo molemo bogolo go dibapalo tse dikgolo, fa di se na tshiamo.
9 Pelo ya motho e tlhatlhanya tsela ya gagwe, mme Jehofa ke ene o mo kaelang tshepelo ya gagwe.
10 Katlholo ya semodimo e mo dipounameng tsa kgosi, molomo wa yone ga o ketla o tlola mo tshiamisong.
11 Selekanyo se se siameng, le dilekanyo tsa pego tse di siameng ke tsa ga Jehofa, dilekanyo tsotlhe tse di bokete tsa kgetse, ke tiro ya gagwe.
12 Ke sefedisapelo mo dikgosing go dira boikepo, gonne setulo sa bogosi se nitamisiwa ke tshiamo.
13 Dipounama tse di siameng ke natefelo ya dikgosi, mme di rata yo o buang tshiamo.
14 Bogale jwa kgosi bo ntse jaaka barongwa ba loso, mme monna yo o tlhalefileng o tlaa bo opela legofi.
15 Mo go selweng ke sefatlhogo sa kgosi go na le botshelo, le botsalano jwa yone bo ntse jaaka leru la pula ya kgogolammoko.
16 Go molemo jang go bona botlhale bogolo go gouta! Ee, go bapala tlhaloganyo go ka itshenkelwa bogolo go selefera.
17 Tsela ya mheru ya mothokgami ke go kgaogana le bosula, yo o dibelang tsela ya gagwe o ipoloka mowa.
18 Boikgodiso bo tle bo etelele tshenyego pele, le boipego jwa pelo pele ga go wa.
19 Go bo go le molemo go nna boikokobetso le bakgobaladi, bogolo go go kgaogana thopo le babelafadi.
20 Yo o elang lefoko tlhoko o tlaa bona molemo, mme le fa e le mang yo o ikanyang Jehofa, o a ba a le sego.
21 Yo o tlhalefileng mo pelong o tlaa bidiwa senokopela, mme monate wa dipounama o okeletsa kitso.
22 Tlhaloganyo ke motswedi wa botshelo o o tswelelang yo o nang nao, mme kwatlhao ya masilo ke bosilo jwa bone.
23 Pelo ya yo o tlhalefileng e ruta molomo wa gagwe, e be e okeletse dipounama tsa gagwe kitso.
24 Mafoko a a monate a ntse jaaka lomepa lwa dinotshe, a monate mo moweng, e bile ke phodiso mo marapong.
25 Go na le tsela e eketeng e siame mo mothong, mme bokhutlo jwa yone ke ditsela tsa loso.
26 Pelo ya dijo ya motho yo o dirang e a mo direla, ka gobo legano la gagwe le a mo patelela.
27 Motho yo o seramatla o loga bosenyi, le mo dipounameng tsa gagwe go na le mo go tshwanang jaaka molelo o o fisang.
28 Motho yo o lesoko o gasa kgotlhang, le mosebi o kgaoganya ditsala tse dikgolo.
29 Motho wa sefepe o fepa wa ga gabo, mme a mo gogele mo tseleng e e seng molemo.
30 Yo o budulatsang matlho, ke gore, o loga dilo tsa lesoko, yo o momang molomo o a ba a dirafatsa bosula.
31 Tlhogo e e pududu ke serwalo sa kgalalelo, fa e bonwa mo tseleng ya tshiamo.
32 Yo o bonya go galefa o gaisa yo o thata, le yo o laolang mowa wa gagwe o gaisa yo o gapang motse.
33 Bola bo thelwa mo kobong, mme taolo yotlhe ya jone e tswe mo go Jehofa.
1 Go molemo thathana e e omeletseng fa e na le boiketlo, bogolo go ntlo e go jelwang dijo tse di tletsetletseng mo go yone, fa go na le komano.
2 Motlhanka yo o dirang ka botlhale o tlaa busa yo e leng ngwana wa kgotla yo o tlhabisang ditlhong, mme o tlaa arogana boswa le bomorwa motho.
3 Pitsa e e tlhaolosang e diretswe selefera, le boubelo bo diretswe gouta, mme Jehofa o leka dipelo.
4 Modirabosula o ela dipounama tsa boikepo tlhoko, le moaki o sekegela loleme lwa basenyi tsebe.
5 Le fa e le mang yo o sotlang mohumanegi o kgoba Mmopi wa gagwe, mme yo o itumelelang tshenyegelo ga a ketla a tlhoka petso.
6 Bana ba bana ke serwalo sa tlhogo sa bagolo, mme kgalalelo ya bana ke borraabo.
7 Puo e e maatlametlo ga e a tshwanela lesilo, bogolo jang dipounama tse di akang ga di a tshwanela kgosana.
8 Neo e ntse jaaka lentswana le le tlhokegang mo matlhong a gagwe yo o nang nayo, le fa e leba kae le kae e ntse e kokotlegela fela.
9 Yo o bipang tlolo o batla lorato, mme yo o toutang sengwe o kgaoganya ditsala tse dikgolo.
10 Kgalemelo e tsena kwa teng ga motho yo o nang le tlhaloganyo, go feta dithupa di le lekgolo mo seeleeleng.
11 Motho yo o bosula o batla tsuololo fela; ke gone ka moo morongwa yo o bolalome o tlaa rongwang kwa go ene.
12 A bera e e gapetsweng bana e kopane le monna, bogolo go seeleele mo boeleeleng jwa sone.
13 Le fa e le mang yo o duelang molemo ka bosula, bosula ga bo ketla bo tloga mo ntlong ya gagwe.
14 Tshimologo ya komano e tshwana jaaka fa motho a kabolola metsi; mme ke gone lesang go tatalalana lo ise lo ye go lwa.
15 Yo o siamisetsang moikepi, le yo o sekisang mosiami, boo babedi ke sefedisapelo mo go Jehofa, ba tshwana fela.
16 Ke ka ntlha yang fa mo seatleng sa seeleele go na le tlhwatlhwa ya go reka botlhale, le mororo se se na tlhaloganyo epe?
17 Tsala e rata motho ka metlha yotlhe, le morwa rra motho o tsaletswe motlha wa pitlagano.
18 Motho yo o se nang tlhaloganyo o opa legofi a ba a nna moemedi wa motho mo ponong ya wa ga gabo.
19 Yo o ratang komano o rata tlolo, yo o godisetsang setswalo sa gagwe kwa godimo o senka tshenyego.
20 Yo o nang le pelo e e lesoko ga a bone molemo ope, le yo o nang le loleme lo lobe, o wela mo bosenying.
21 Yo o tsalang seeleele o go direla go tla a bona bohutsana, le rraaso seeleele ga a na boitumelo bope.
22 Pelo e e ntseng mokete ke kalafo e e molemo, mme mowa o o phatlogileng o omeletsa marapo.
23 Moikepi o ntsha neo mo sehubeng gore a fapose ditsela tsa katlholo.
24 Botlhale bo fa pele ga sefatlhogo sa yo o nang le tlhaloganyo, mme matlho a seeleele a kwa dikhutlong tsa lefatshe.
25 Mosimane yo o seeleele o ledisa rraagwe, o bile o tsosa pelo e e galakang mo go ene yo o mmelegeng.
26 Le gone ga go molemo go betsa mosiami, le fa e le go itaya ba ba tlotlegang ka ntlha ya thokgamo ya bone.
27 Yo o rekegelang mafoko a gagwe o na le kitso, le yo o mowa o o tsididi ke motho wa tlhaloganyo.
28 Le e leng lesilo, motlhang le didimetseng, le kaiwe botlhale, motlhang le momang molomo le kaiwe go re le bonokopela.
1 Yo o itomololang o batla keletso ya gagwe ka esi, mme a šakgalele botlhale jotlhe jo bo itekanetseng.
2 Seeleele ga se na kgatlhego mo tlhaloganyong, fa e se gore pelo ya sone e tle e itshenole fela.
3 Motlhang moikepi o tlang, foo go tle le lone lonyatso, le botlhabisa ditlhong bo tle le kgobo.
4 Mafoko a molomo wa monna a ntse jaaka metsi a a boteng, motswedi wa botlhale o ntse jaaka nokana e e elelang.
5 Ga go molemo go gobela sebele sa moikepi, le fa e le go faposa mosiami mo katlholong.
6 Dipounama tsa seeleele di tsena mo kgannyeng le molomo wa sone o ipiletsa dithupa.
7 Molomo wa seeleele ke tshenyego ya sone, le dipounama tsa sone ke seru sa mowa wa sone.
8 Mafoko a mosebi a ntse jaaka dijo tse di akolwang, mme a fologele kwa tengteng ga mpa.
9 Le ene yo o bolealea mo tirong, ke ngwana wa ga rraagwe mosenyi.
10 Leina la ga Jehofa ke kago e e godileng e e thata, mosiami o sianela mo go yone, mme a bolokege.
11 Khumo ya mohumi ke yone motse wa gagwe o o thata, e bile ke lorako lo lo godileng mo kgopolong ya gagwe.
12 E tle e re pele ga tshenyego pelo ya motho e ipege, mme boikokobetso bo etelele tlotlego pele.
13 Yo o fetolang a ise a utlwe, ke boeleele le ditlhong mo go ene.
14 Pelo ya monna e tle e mo itshokisetse seemera sa gagwe; mme mowa o o phatlogileng o ka kakatlololwa e mang?
15 Pelo ya yo o senokopela e bapala kitso, le tsebe ya yo o tlhalefileng e batla kitso.
16 Neo ya motho e tle e mo fenosetse bonno, mme e mo ise fa pele ga batho ba bagolo.
17 Yo o ipuelelang pele o ntse jaaka ekete o siame, mme wa ga gabo a tle a mo kheleisetse ruri.
18 Bola bo tle bo khutlise dikgang, bo bo bo kgaoganye bathata.
19 Ngwana wa rra motho fa a kgopilwe o ba a le thata go fenngwa bogolo go motse o o thata, mme dikgang tse di ntseng jalo di ntse jaaka mephakalego ya kago e e dithako di thata.
20 Mpa ya motho e tlaa tladiwa ka loungo lwa molomo wa gagwe; o tlaa kgorisiwa ka totafalo ya dipounama tsa gagwe.
21 Loso le botshelo di mo thateng ya loleme, ba ba lo ratang ba tlaa ja loungo lwa lone.
22 Yo o tsayang mosadi, o bona se se molemo, o ba a bona botsalano mo go Jehofa.
23 Mohumanegi o tle a bue ka dithapelo, mme mohumi ene o fetola ka bopelompe.
24 Yo o itirelang ditsala di le dintsi, o itirela go itshenya, mme go na le tsala e e kgomarelang motho bogolo go ngwana wa ga rraagwe.
1 Mohumanegi yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, o molemo bogolo go yo o lesoko mo dipounameng tsa gagwe, a bile a le seeleele.
2 Gape, ga go molemo fa mowa o nna fela o tlhoka kitso; mme yo o fefosang dinao tsa gagwe o a leofa.
3 Boeleele jwa motho bo tle bo theole tsela ya gagwe; mme pelo ya gagwe e tšararegele Jehofa.
4 Khumo e tle e okeletse motho ditsala di le dintsi; mme mohumanegi a kgaoganngwe le tsala ya gagwe.
5 Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso; le yo o bilolang maaka ga a ketla a falola.
6 Batho ba bantsi ba tlaa rata go tlekeetsa motho yo o fang thata; le gone motho mongwe le mongwe ke tsala ya yo o abang dineo.
7 Bana ba ga rraagwe mohumanegi botlhe ba a mo ila; bogolo jang ditsala tsa gagwe di mo katogela kgakala! A ba khueletsa ka mafoko, mme ba bo ba ile.
8 Yo o bonang botlhale o ithata mowa; yo o bolokang tlhaloganyo o tlaa bona molemo.
9 Mosupi yo o tsietsang ga a ketla a tlhoka petso, le yo o bilolang maaka o tlaa nyelela.
10 Go tshela mo letlapung ga go a tshwanela seeleele; bogolo jang ga go a tshwanela motlhanka go busa dikgosana.
11 Pharologanyo ya motho e mo dira gore a nne bonya go galefa; le gone ke kgalalelo ya gagwe go tlhokomologa tlolo.
12 Botšarara jwa kgosi bo ntse jaaka go kgorotlha ga tau; mme botsalano jwa yone bo ntse jaaka monyo mo loremeng.
13 Mosimane yo o seeleele ke tatlhego mo go rraagwe; le ditatalalo tsa mosadi wa motho ke go rotha mo go sa khutleng.
14 Ntlo le dikhumo ke boswa jo bo tswang mo go borra batho; mme mosadi yo o bonokopela o tswa kwa go Jehofa.
15 Bobodu bo digela motho mo thulamelong e kgolo, le gone motho yo o sa direng sepe o tlaa bolawa ke tlala.
16 Yo o tshegetsang taolo o boloka mowa wa gagwe, mme yo o sa tlhokomeleng ditsela tsa gagwe o tlaa swa.
17 Yo o tlhomogelang bahumanegi pelo o adima Jehofa, mme o tlaa ba a mo duelela tiro ya gagwe e e molemo.
18 Otlhaya morwao ka gobo go na le tsholofelo, mme o se ka wa tlhoma pelo ya gago mo go mo senyeng.
19 Motho yo o botšarara jo bogolo o tlaa rwala tefetso; gonne le fa o mo golola, o tlaa bo o na le go ba o dira jalo gape.
20 Utlwa kgakololo, o tshole thuto, gore o tle o nne botlhale mo bokhutlong jwa gago.
21 Go na le ditogamaano di le dintsi mo pelong ya monna; mme kgakololo ya ga Jehofa yone e tlaa ema.
22 Keletso ya motho ke selekanyo sa bopelonomi jwa gagwe; mme mohumanegi o molemo bogolo go moaki.
23 Go boifa Jehofa go isa botshelong, mme yo o nang nago o tlaa nna fela a kgotshe; ga a ketla a lekolwa ke bosula.
24 Motho yo o bobodu o sotlhometsa letsogo la gagwe mo mogotšaneng, mme a gane le fa e le go ba a le busetsa mo ganong.
25 Betsa mosotli, mme yo o sa tlhalefang o tlaa ithuta bonokopela; o kgalemele mongwe yo o nang le tlhaloganyo, mme o tlaa tlhaloganya kitso.
26 Yo o thopang rraagwe ka thata, a ba a leleka mmaagwe, ke ngwana wa mosimane yo o tlhabisang ditlhong le yo o lereng kgobo.
27 Khutla, morwaaka, go utlwa thuto, mme o tlaa ba o timelwa fela ke mafoko a kitso.
28 Mosupi yo o seramatla o sotla ka katlholo; le molomo wa moikepi o metsa boikepo fela.
29 Ditshekiso di baakanyeditswe basotli, le dithupa metlhana ya dieleele.
1 Bojalwa jwa mofine ke mosotli, bojalwa jo bo loileng ke phokelelo; le fa e le mang yo o timelang ka jone ga a botlhale.
2 Poitsho ya kgosi e ntse jaaka go kgorotlha ga tau; yo o e gakatsang o iteofela botshelo jwa gagwe.
3 Ke tlotlo mo mothong go iphapha mo kgannyeng; mme lesilo lengwe le lengwe le tle le itlhakanye le komang fela.
4 Serorobe se tle se gane go lema ka gobo go le mariga, ke gone ka moo e tlaa reng go rojwa o tlaa kopa, mme o tlaa bo a sa bone sepe.
5 Kgakololo mo pelong ya monna e ntse jaaka metsi a a boteng, motho yo o tlhaloganyo o tle a e ge fela.
6 Bontsi jwa batho bo tle bo ipolele mongwe le mongwe bopelonomi jwa gagwe; monna yo o boikanngo ene o ka bonwa ke mang?
7 Mosiami yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, go sego bana ba gagwe morago ga gagwe.
8 Kgosi e e dutseng mo setulong sa bogosi sa katlholelo, e feferela koo bosula jotlhe ka matlho a yone.
9 E mang yo o ka reng: “Ke ntlafaditse pelo ya me, ke itshekile mo boleong jwa me”?
10 Dibokete tsa selekanyo tse di fapaanyeng, le dielo tse di fapaanang, tsotlhe tsoo pedi ke sefedisapelo mo go Jehofa.
11 Le e leng ngwanyana o tle a itshenole ka ditiro tsa gagwe, bo tiro ya gagwe e ntle, le go re a e siame.
12 Tsebe e e utlwang, le leitlho le le bonang, Jehofa o di dirile tsotlhe fela.
13 Se rate boroko, o ka tla wa humanega; buduloga, mme o tlaa kgora dijo.
14 Moreki o a tle a re: “Ga se sepe, ga se sepe,” mme fa a tsamaile foo a ipelafatse.
15 Go na le gouta le letlotlo la diperela, mme dipounama tsa kitso ke lentswana le le tlhokegang.
16 Tsaya seaparo sa yo o leng moemedi wa moeng, mme o tseye peelelo ene yo e leng moemedi wa baeng.
17 Senkgwe sa tsietso se monate mo mothong, mme morago ga moo molomo wa gagwe o tlale makgabana.
18 Boikaelelo bongwe le bongwe bo tlhomamisiwa ke kgakololano, mme o epe dira ka go gogwa ke botlhale.
19 Yo o nalanalang e le mosebetsi o senola maoma; mme ke gone o se ka wa itlhakanya le yo o momololang dipounama tsa gagwe thata.
20 Le fa e le mang yo o hutsang rraagwe kgotsa mmaagwe, lobone lwa gagwe lo tlaa tingwa mo lefifing le lentshontsho.
21 Boswa e ka re gongwe bo ka bonwa ka potlako mo tshimologong, mme bokhutlo jwa jone ga bo ketla bo segofala.
22 O se ka wa re: “Ke tlaa lefetsa bosula;” o lebelele mo go Jehofa, mme o tlaa go boloka.
23 Dibokete tsa selekanyo tse di fapaanyeng ke sefedisapelo mo go Jehofa; le selekanyo sa pego sa tsietso ga se molemo.
24 Metsamao ya motho e tswa mo go Jehofa; mme foo motho o ka itlhaloganya tsela ya gagwe jang?
25 Ke seru mo mothong go bua ka go phomela, a re: “Selo se boitshepo,” mme ya re a sena go ikana a itse go botsisa.
26 Kgosi e e botlhale e tle e fefere baikepi, mme e tsamaise lekoto le le sedikologi le le folang mabele godimo ga bone.
27 Mowa wa motho ke lobone lwa ga Jehofa, lo lo kheleisang matengteng otlhe a mpa.
28 Boutlwelobotlhoko le boammaaruri di tlamela kgosi, setulo sa yone sa bogosi se tshegediwa ke boutlwelobotlhoko.
29 Kgalalelo ya makau ke thata ya one, mme bontle jwa bannabagolo ke tlhogo e pududu.
30 Dithupa tse di ntshang dintho di a ntlafatsa di tlosa bosula, le dinteo di ya go kheleisa matengteng a mpa.
1 Pelo ya kgosi e mo seatleng sa ga Jehofa, jaaka meedi ya metsi; o e sokololela kwa o go ratang.
2 Tsela nngwe le nngwe ya motho e siame mo matlhong a gagwe; mme Jehofa o lekanya dipelo bokete.
3 Go dira tshiamo le tshiamiso go lebosega mo go Jehofa bogolo go tshupelo.
4 Matlho a a kalegileng le pelo e e ikgodisang, le e leng lobone lwa baikepi ke boleo.
5 Dikgopolo tsa batlhoafadi di ganelela kwa letlotlong fela, mme mongwe le mongwe yo o potlakang o potlakela go ya kwa go tlhokeng fela.
6 Go bapala dikhumo ka loleme lo lo akang, ke mouwane o o kgweelediwang kwa le kwa; ba ba di batlang ba batla loso.
7 Go tsubukanya ga baikepi go tlaa ba kgokgweeletsa koo, ka ba gana go dira tshiamiso.
8 Tsela ya yo o rweleng lekokoma la boleo e motsokodia thata; mme ka ga yo o itshekileng, tiro ya gagwe e siame.
9 Go molemo go aga mo kgokgotshong kwa godimo ga ntlo, bogolo go go nna le mosadi yo o omanang mo ntlong e e atlhameng.
10 Mowa wa moikepi o eletsa bosula, wa ga gabo ga a ke a bona botsalano bope mo matlhong a gagwe.
11 E a re mosotli a bediwa, yo o sa tlhalefang a tlhalefisiwe, mme fa motlhale a rutwa a amogele kitso.
12 Mosiami o akanya ntlo ya baikepi; ka fa baikepi ba ribegelediwang tshenyegong ka gone.
13 Le fa e le mang yo o thibelang go gala ga mohumanegi ditsebe tsa gagwe, le ene o tlaa gala, mme ga a ketla a utlwiwa.
14 Neo e e ntshiwang go sa itsiwe e timola bogale, le thelesetso mo sehubeng e timetsa kgalefo e kgolo.
15 Ke boitumelo mo basiaming go dira tshiamiso; mme ke go dira tshenyo mo go ba ba dirang boikepo.
16 Motho yo o timelwang ke tsela ya tlhaloganyo, o tlaa lala mo phuthegong ya baswi.
17 Yo o ratang letlhapelo o tlaa nna mohumanegi, yo o ratang bojalwa jwa mofine le lookwane ga a ketla a huma.
18 Moikepi o nna serekololo sa mosiami; le yo o bonongwane a nne mo boemong jwa mothokgami.
19 Go molemo go nna mo lefatsheng le le sa nnweng fela, bogolo go go nna le mosadi yo o omanang le yo o khutlogang.
20 Go na le khumo e e tlhokegang le lookwane mo ntlong ya motho yo o botlhale, mme motho yo o seeleele a e kometse.
21 Yo o latelang tshiamo le boutlwelobotlhoko, o bona botshelo, le tshiamo, le tlotlo.
22 Motho yo o botlhale o palamela mo motseng wa bathata, a kokobetse thata ya boikgantsho jwa one.
23 Le fa e le mang yo o dibelang molomo le loleme, o dibela mowa wa gagwe mo ditlalelong.
24 Motho yo o boikgodiso le moipegi, leina la gagwe ke mosotli, o dira ka boitelaganyo jwa o boikgodiso.
25 Keletso ya seramatla e a se bolaya, gonne diatla tsa sone di gana go dira.
26 Go na le yo o eletsang ka bopelotshetlha motshegare otlhe, mme mosiami o aba fela, a sa rekegele.
27 Tshupelo ya moikepi ke sefedisapelo, bogolo jang fa a e isa ka pelo ya boikepo!
28 Mosupi yo o tsietsang o tlaa nyelela, mme motho yo o utlwang mafoko o tlaa bua a sa ganediwe.
29 Moikepi o bifisa sefatlhogo sa gagwe, mme ka ga mothokgami o ithulaganyetsa ditsela tsa gagwe.
30 Ga go na sa botlhale le fa e le sa tlhaloganyo, le fa e le sa kgakololo se se ka ganelang le Jehofa.
31 Pitse e baakanyediwa motlha wa tlhabano, mme phenyo yone e tswa kwa go Jehofa.
1 Leina le le molemo le tshwanetse go itshenkelwa bogolo go dikhumo tse dikgolo, le botsalano jwa lorato bogolo go selefera le gouta.
2 Bahumi le bahumanegi ba a kopana, Jehofa ke modiri wa bone botlhe.
3 Motho yo o bonokopela a bona bosula mme a iphitlhe, mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela, mme ba utlwe botlhoko ka gone.
4 Tuelo ya boingotlo le go boifa Jehofa ke khumo le letlotlo le botshelo.
5 Mitlwa le diru di mo tseleng ya ba ba lesoko; yo o itibelang mowa o tlaa nna kgakala nabo.
6 Godisetsa ngwana ka thuto mo tseleng e o tshwanetseng go e tsamaya, mme o tlaa re le fa a tsofetse ga a ketla a kgaogana nayo.
7 Mohumi o laola mohumanegi, le moadimi ke motlhanka wa yo go adingwang mo go ene.
8 Yo o jalang boikepo o tlaa roba tshenyegelo, le thupa ya gagwe ya tšhakgalo e tlaa tlhaela go betsa.
9 Yo o leitlho le lebang ka molemo o tlaa segofadiwa, gonne o tle a phumusetse mohumanegi dijo tsa gagwe.
10 Lelekela mosotli kwa ntle, mme komang le yone e tlaa tswa, ee, kgang e tlaa khutla le nyatsego.
11 Yo o ratang boitsheko jwa pelo, kgosi e tlaa nna tsala ya gagwe ka ntlha ya bontlafalo jwa molomo wa gagwe.
12 Matlho a ga Jehofa a boloka ene yo o nang le kitso, mme o pitikolola mafoko a motho yo o bonongwane.
13 Serorobe se a tle se re: “Go na le tau ka fa ntle, ke tlaa bolawa mo mebileng.”
14 Molomo wa mosadi wa seeng fela ke molete o o boteng; yo Jehofa o mo ilang o tlaa wela mo go one.
15 Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya ngwanyana, mme thupa ya kwatlhao e tlaa bo lelekela kgakala mo go ene.
16 Yo o patikang mohumanegi go ikokotleletsa, le yo o abelang mohumi, o tlaa fitlha mo go tlhokeng fela.
17 Sekega tsebe, o utlwe mafoko a ba ba botlhale, mme o tsepege pelo ya gago mo kitsong ya me.
18 Gonne ke selo se se natefang fa o di boloka mo teng ga gago, fa di tlhomama mmogo mo dipounameng tsa gago.
19 Ke di go itsisitse gompieno, e bong wena, gore boikanyo jwa gago bo nne mo go Jehofa.
20 A ga ke a go kwalela dilo tse di molemo thata tsa dikgakololo le kitso;
21 go go itsise bonnete jwa mafoko a boammaaruri, gore o tle o busetse mafoko a boammaaruri kwa go bone ba ba go romang?
22 O se ka wa thukhutha mohumanegi, ka gobo e le mohumanegi, le gone o se ka wa re o le kwa kgotleng wa bogisa yo o patikegang.
23 Gonne Jehofa o tlaa ba ganelela, o tlaa thopa botshelo jwa bone ba ba ba thopang.
24 O se ka wa itsalanya le motho yo o tlwaetseng go nna bogale; o bo o se ka wa tsamaya le motho yo o šakgalang thata;
25 o ka tla wa ithuta mekgwa ya gagwe, mme wa bonela mowa wa gago seru.
26 O se ka wa nna mongwe wa ba ba opanang diatla, le fa e le wa bone ba e leng baemedi ba melato.
27 E tlaa re fa o se na se o ka duelang ka sone, o ka bo a tlosetsang bolao jwa gago tlase ga gago?
28 O se ka wa tlosa molelwane wa bogologolo, o borraeno ba o tlhomileng.
29 A o bona monna yo o bobebe mo tirong ya gagwe? Ene o tlaa ema fa pele ga dikgosi; ga a ketla a ema fa pele ga batho ba ba sa itsegeng.
1 E re fa o nnela go ja le molaodi, o gopole thata yo o fa pele ga gago;
2 mme fa o le motho yo o jang bobe, o ipeye thipa fa mometsong.
3 O se ka wa eletsa dimediwa fela tsa gagwe; ka e le dijo tse di tsietsang.
4 O se ka wa itapisetsa go humisiwa, khutlela botlhale jwa gago.
5 A o a bo o tlaa tlhoma matlho mo go sone se se seyong? Gonne ruri dikhumo di tle di itirele diphuka, jaaka ntswi yo motona yo o fofelang kwa legodimong.
6 O se ka wa ja dijo tsa yo o leitlho le bosula, le gone o se ka wa eletsa dimediwa fela tsa gagwe;
7 gonne jaaka a kaya mo teng ga gagwe, o ntse fela jalo, o go raya, a re: “Ja o nwe,” mme pelo ya gagwe ga e mo go wena.
8 Thathana e o e jeleng o tlaa ba o e tlhatsa, mme o timelwa ke mafoko a gago a a monate.
9 O se ka wa bua mo kutlong ya seeleele, gonne se tlaa nyatsa botlhale jwa mafoko a gago.
10 O se ka wa tlosa molelwane wa bogologolo, o bo o se ka wa tsena mo matlhagareng a masiela;
11 gonne morekolodi wa bone o thata; o tlaa ba ganelelela ka ga gago.
12 Tshegeletsa pelo ya gago mo thutong, le ditsebe tsa gago mo mafokong a kitso.
13 O se ka wa gana ka kwatlhao mo ngwaneng, gonne fa o mmetsa ka thupa ga a ketla a a swa.
14 Mmetse ka thupa, mme o tlaa golola mowa wa gagwe mo Bobipong.
15 Morwaaka, fa pelo ya gago e le botlhale, pelo ya me e tlaa itumela, e bong ya me;
16 ee, diphilo tsa me di tlaa ipela thata, motlhang molomo wa gago o buang dilo tse di siameng.
17 A pelo ya gago e se nne tshetlha ka ga baleofi: mme o tlhole mo go boifeng Jehofa motshegare otlhe;
18 gonne ruri go na le tuelo, le tsholofelo ya gago ga e ketla e kgaolwa.
19 Utlwa morwaaka, o nne botlhale, o bo o tsamaise pelo ya gago mo tseleng.
20 Se nne mo banwing ba bojalwa jwa mofine, le mo go ba ba bogagaru mo go jeng nama.
21 Gonne motagwi le yo o tlabuelang dijo ba tlaa humanega, le kotselo e tlaa apesa motho dikatana.
22 Reetsa rraago yo o go tsetseng, o bo o se ka wa nyatsa mmaago fa a tsofetse.
23 Reka boammaaruri, mme o se ka wa bo rekisa; ee, le botlhale, le thuto, le tlhaloganyo.
24 Rraagwe mosiami o tlaa ipela thata, le yo o tsalang ngwana yo o botlhale o tlaa bona boitumelo ka ga gagwe.
25 A borraago le mmaago ba itumele, le yo o go belegeng a ipele thata.
26 Morwaaka, nnaya pelo ya gago, mme a matlho a gago a natefelwe ke ditsela tsa me.
27 Gonne mosadi yo o seaka ke mosele o o boteng; le mosadi yo e leng o sele ke longope lo lo pitlaganyeng.
28 Ee, o tle a lalele jaaka senokwane, mme a ntsifatse ba ba bonongwane mo bathong.
29 E mang yo o nang le khutsego? E mang yo o nang le bohutsana? E mang yo o nang le dikgang? E mang yo o nang le ngongorego? E mang yo o nang le dintho tsa lefela? E mang yo o nang le bohidibu jwa matlho?
30 Ke ba ba diegang bobe mo bojalweng jwa mofine; ke ba ba lebalebang bojalwa jo bo tlhakantsweng.
31 O se ka wa leba bojalwa jwa mofine fa bo hubila, fa bo tsenya phafana mmala wa jone, fa bo tsekeela sentle.
32 Kwa bofelong bo tle bo lome jaaka noga, bo lome jaaka šaušawane.
33 Matlho a gago a tlaa bona dilo di sela fela, le pelo ya gago e tlaa bua dilo tse di lesoko.
34 Ee, o tlaa nna jaaka yo o robalang mo gare ga lewatle, kgotsa yaaka yo o robalang mo godimo ga pinagare ya mokoro.
35 O tlaa re: “Ba ntiteile, mme ga ke a ka ka utlwa botlhoko; ba mpeditse, mme ga ke a ka ka go utlwa; ke tlaa kubuga leng? Ke tlaa ba ke bo batla gape.”
1 O se ka wa nna pelotshetlha ka ga batho ba ba bosula, le gone o se ka wa eletsa go nna nabo;
2 gonne pelo ya bone e akanya go patika, le melomo ya bone e bua bosenyi fela.
3 Ntlo e tle e agiwe ka botlhale, e ba e nitamisiwa ka tlhaloganyo.
4 Le matlwana a yone a tle a tladiwe dikhumo tse di tlhokegang le tse dintle, ka kitso.
5 Monna yo o botlhale o nonofile; ee, monna wa kitso o kokotletsa nonofo.
6 Gonne o tlaa epa dira tsa gago ka kgakololo e e tlhalefileng; le gone phenyo e tle e nne mo bontsing jwa bagakolodi.
7 Botlhale bo tlodile lesilo kwa godimo; lone ga le ke le tswa molomo mo kgotleng.
8 Yo o logang maano a go dira bosula, batho ba tlaa mmitsa sesenyi.
9 Mogopolo wa seeleele ke boleo; le mosotli ke sefedisapelo mo bathong.
10 Fa o idibala mo motlheng wa pitlagano, nonofo ya gago e a be e le potlana.
11 Golola bone ba ba isiwang kwa losong; le ba ba roromisiwang ke go ya go bolawa, o bo o gane ka bone.
12 Fa o re: “Bona, re ne re sa itse se;” a ke go re ene yo o lekanyang dipelo makete, a ga a se akanye? Le yo o bolokang mowa wa gago, a ga a se itse? A ga a ketla a naya motho mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe?
13 Morwaaka, o nne o je dinotshe, gonne di molemo; le lomepa lwa dinotshe lo lo utlwalang monate mo ganong la gago.
14 O tlaa itse fa botlhale bo ntse jalo mo moweng wa gago; fa o bo bonye, foo go tlaa nna le tuelo; tsholofelo ya gago ga e ketla e kgaolwa.
15 Moikepi, o se ka wa lalela boago jwa mosiami, se thope felo ga gagwe ga boikhutso;
16 gonne motho yo o siameng o ka wa gasupa, mme a tsoge gape, mme baikepi ba ribegediwa ke tshenyego.
17 O se ka wa itumelela mmaba wa gago fa a wa, a pelo ya gago e se ipele fa a ribegediwa;
18 Jehofa o ka tla a go bona, mme ga mo kgopa, mme a faposa bogale jwa gagwe mo go ene.
19 O se ka wa itshwenya ka ntlha ya badira bosula; le gone o se ka wa nna pelotshetlha ka ga baikepi;
20 gonne motho yo o bosula ga a ketla a dirana le tuelo; le lobone lwa moikepi lo tlaa tingwa.
21 Morwaaka, o boife Jehofa le kgosi; mme o se ka wa itlhakanya le ba ba tlhanoga-tlhanogang.
22 Gonne tatlhego ya bone e tlaa tsoga ka tshoganetso; mme e mang yo o itseng tshenyego ya bone boo babedi?
23 Tse le tsone ke dipolelo tsa botlhale: Ga go molemo go gopola bomangmang jwa batho mo katlholong.
24 Yo o rayang moikepi a re: “O siame;” batho ba tlaa mo hutsa, merafe e tlaa mo tlhoa;
25 ba ba mo kgalemelang ba tlaa nna le boitumelo le tshegofatso e e molemo e tlaa tla mo go bone.
26 Yo o fetolang sentle, o atla molomo wa batho.
27 Baakanya tiro ya gago e e kwa ntle, mme o e iketleeletse kwa nageng; mme morago ga moo, o age ntlo ya gago.
28 O se ka wa nna mosupa molato wa wa gaeno ka bomo; o se ka wa tsietsa ka molomo wa gago.
29 O se ka wa re: “Ke tlaa mo direla fela jaaka a ntiretse; ke tlaa direla motho yoo ka fa tirong ya gagwe.”
30 Ke tsamaile ka fa tshimong ya serorobe, le ka fa tshimong ya mafine ya motho yo o se nang tlhaloganyo;
31 mme bonang, e ne e tlhogile mitlwa fela yotlhe, e khurumeditswe ke sebabetsane, le lorako lwa yone lo rutlologile.
32 Foo ka leba, mme ka akanya thata; ka bona, mme ka amogela thuto.
33 Nama o sa robetse go le gonnye, o otsele go le gonnye, o lesololele boroko diatla;
34 jalo khumanego ya gago e tlaa tla jaaka senokwane, le lehuma la gago jaaka monna yo o tlhometseng dibolao.
1 Tse le tsone ke diane tsa ga Solomone, tse banna ba ga Hesekia kgosi ya Juta ba di kwadileng ka menwana.
2 Ke tlotlego mo Modimong go loba selo, mme tlotlego mo dikgosing ke go tlhotlhomisa selo.
3 Mo go sa kankabediweng ke legodimo ka bogodimo, le lefatshe ka boteng, le pelo ya dikgosi.
4 Okola manyelo mo selefereng, mme motlhapolosi o tlaa tswelwa ke selwane.
5 Tlosa baikepi fa pele ga kgosi, mme setulo sa yone sa bogosi se tlaa tlhomamisiwa mo tshiamong.
6 O se ka wa itlotlomatsa fa pele ga kgosi, o se ka wa ema mo boemong jwa banna ba bagolo;
7 gonne go molemo o rewa go twe: “Tlhatlogela kwano,” bogolo go go isiwa kwa tlase fa pele ga kgosana e matlho a gago a e bonyeng.
8 O se ka wa potlakela go ya go lwa, ka e tlaa re fa wa gaeno a go tlhabisitse ditlhong, o ka tla wa se ka wa itse se o tlaa se dirang mo bofelong jwa gone.
9 Bua kgang ya gago le wa gaeno ka esi, mme o se ka wa bipolola leoma la motho yo mongwe,
10 ka gobo yo o go utlwang o ka tla a go kgala, mme kutlwalelo e e bosula ka ga gago e se ke e go tlogele.
11 Lefoko le le buiwang ka tebang ya lone, le tshwana jaaka boapole ba gouta mo dirotong tsa selefera.
12 Jaaka lenyena la gouta le sekgabisa sa gouta e e itshekileng, mokgalemi yo o botlhale o ntse jalo mo tsebeng e e utlwang.
13 Jaaka botsididi jwa kapoko mo motlheng wa thobo, morongwa yo o ikanyegang o ntse jalo mo go ba ba mo romang; gonne o rudisa mowa wa beng ba gagwe.
14 Jaaka maru le phefo mo go se nang pula, yo o ipelafatsang ka ga dineo tsa gagwe a aka, o ntse jalo.
15 Molaodi o tle a kgonwe ke motho a ikgapa ka bopelotelele, le loleme lo lo bonolo lo tle lo robe marapo.
16 A o bonye dinotshe? O je fela mo go go lekanyeng, ka o ka tla wa di kgora bobe, mme wa di tlhatsa.
17 A lonao lwa gago lo se tsene bobe mo ntlong ya wa gaeno; o ka tla wa mo lapisa, mme a go ila.
18 Motho yo o supang kako ka ga wa ga gabo ke molamu, le tšhaka, le motswi o o bogale.
19 Go ikanya motho yo o se nang boikanngo mo motlheng wa tlalelo, go tshwana jaaka leino le le robegetseng, le lonao lo lo lokologileng.
20 Jaaka motho yo o apolang kobo go le serame, le jaaka bojalwa jo bo bodila mo lobung, yo o opelelang pelo e e bohutsana o ntse fela jalo.
21 Fa mmaba wa gago a bolawa ke tlala, o mo fe dijo; fa a le lenyora o mo nose metsi;
22 gonne o tlaa bo o tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe, mme Jehofa o tlaa go duela.
23 Phefo ya Tshelamelapo e tlhola pula, go ntse jalo loleme lo lo sebang lo tle lo tsose sefatlhogo se se bifang.
24 Go molemo bogolo go nna mo kgokgotshong kwa godimo ga ntlo, bogolo go go aga le mosadi yo o omanang mo ntlong e e atlhameng.
25 Jaaka metsi a a tsididi mo mothong yo o lenyora, mafoko a a molemo a a tswang lefatsheng le le kgakala a ntse fela jalo.
26 Jaaka motswedi o o kgoberegileng, le sediba se se leswefaditsweng, motho yo o siameng yo o tlosolosiwang ke baikepi o ntse jalo.
27 Ga go molemo go ja dinotshe bobe, go ntse jalo ga se tlotlego mo bathong go ipatlela tlotlo.
28 Motho yo mowa wa gagwe o se nang bothibo, o tshwana le motse o o thubegileng, mme o se na lorako.
1 Jaaka kapoko fa go le selemo, le jaaka pula mo motlheng wa thobo, go ntse jalo, tlotlo ga e a tshwanela seeleele.
2 Jaaka thaga mo go kailakaileng ga yone, le jaaka peolwane mo go fofeng ga yone, go ntse jalo phutso ya lefela ga e ke e nna.
3 Seme ke selo sa pitse le mogala ke selo sa esela le thupa ke selo sa mekotla ya dieleele.
4 O se ka wa fetola seeleele ka fa boeleeleng jwa sone, ka o ka tla wa nna jaaka sone.
5 Fetola seeleele ka fa boeleeleng jwa sone, ka se ka tla sa ipona botlhale.
6 Yo o isang taetso ka seeleele, o ikgaola dinao, o nwa kutlobotlhoko.
7 Maoto a motlhotsi a a leketla; seane se ntse jalo mo molomong wa dieleele.
8 Jaaka kgetsana ya majana a a tlhokegang fa e beilwe mo mokoeng wa maje fela, yo o nayang seeleele tlotlo o ntse jalo.
9 Jaaka mutlwa o o sotlhomelang mo seatleng sa motagwi, setshwantsho se ntse jalo mo molomong wa dieleele.
10 Jaaka yo o hulang ka bora a tlhabatlhaba gotlhe, yo o thapang seeleele ka tuelo, le yo o thapang ka tuelo ba ba fetang fela, o ntse jalo.
11 Jaaka ntša e e boelang matlhatseng a yone, seeleele se se toutang boeleele jwa sone se ntse jalo.
12 A o bona monna yo o iponang botlhale? Go ka solofelwa seeleele bogolo go ene.
13 Serorobe se a tle se re: “Go na le tau mo tseleng; go na le tau mo mebileng.”
14 Jaaka setswalo se retologa mo mapegong a sone, serorobe se dira jalo mo bolaong jwa sone.
15 Serorobe se sotlhometsa letsogo mo mogotšaneng; mme go a bo go se lapisa go ba se le busetsa kwa ganong.
16 Serorobe se ipona botlhale bogolo go batho ba supa ba ba ka fetolang mafoko sentle.
17 Yo o reng a feta mme a itshwenya ka kgang e e seng ya gagwe, o tshwana le motho yo o tshwarang ntša ka ditsebe.
18 Jaaka setsenwa se se latlhelang dirumola, metswi, le loso,
19 motho yo o tsietsang wa ga gabo o ntse jalo, mme a ba a re: “A ga ke tshameke fela?”
20 Molelo o tima ka go tlhoka dikgong, kwa go se nang mosebi, gone komang e khutle.
21 Jaaka a e leng magala fela a ntse mo magaleng a a molelo, le jaaka dikgong di ntse mo molelong; motho yo o omanang o ntse jalo mo go tukiseng kgang.
22 Mafoko a mosebi a ntse jaaka dijo tse di akolwang, a fologele kwa tengteng ga mpa.
23 Molomo o o tukang le pelo e e boikepo, di ntse jaaka selwana sa letsopa se se manegilweng ka manyelo a selefera.
24 Yo o ilang o itimokanya ka dipounama tsa gagwe, mme o baya tsietso mo teng ga gagwe.
25 Mogang o buang sentle o se ka wa mo dumela; gonne go na le dilo di supa tse di makgapha mo pelong ya gagwe.
26 Le fa kilo ya gagwe e ipipa ka boferefere, boikepo jwa gagwe bo tlaa supiwa mo ponatshegong fa pele ga phuthego.
27 Yo o epang lemena o tlaa wela mo go lone; le yo o pitikololang lentswe, le tlaa boela mo go ene.
28 Motho yo o loleme lo akang o ila ba o ba utlwisitseng botlhoko; le molomo o o rethefatsang puo o dira go senyetsa ruri.
1 O se ka wa ipelafatsa ka ga ka moso, gonne ga o itse se letsatsi le tlaa se ntshang.
2 A motho o sele a go bake, e seng molomo wa gago; motho wa moeng, e seng dipounama tsa gago.
3 Lentswe le bokete le mošawa o boima; mme kgakatsego ya lesilo e bokete bogolo go tsone tsoo pedi.
4 Kgakalo e bolalome, le bogale ke phophomo fela; mme e mang yo o nonofileng go ema fa pele ga lefufa?
5 Kgalemo e e bonatshegang e molemo bogolo go lorato lo lo subegileng.
6 Ditlhabo tse di ntshitsweng ke tsala di boikanngo; mme dikatlo tsa mmaba di dintsi bobe.
7 Motho yo o kgotsheng o tle a gatake lomepa lwa dinotshe ka dinao, mme mo mothong yo o bolawang ke tlala sengwe le sengwe se se botlhoko se monate fela.
8 Jaaka nonyane e e timelwang ke setlhaga sa yone, motho yo o timelwang ke felo ga gagwe o ntse jalo.
9 Setlolo le dinkgisa monate, di itumedisa pelo; monate wa tsala ya motho o o tswang kgakololong e e leng yone, o dira fela jalo.
10 E e leng tsala ya gago, le tsala ya ga rraago, o se ka wa di latlha, o se ye kwa ntlong ya morwa rraago mo motlheng wa tatlhego ya gago; oo rra motho yo o fa gaufi o gaisa morwa rra motho yo o kwa kgakala.
11 Morwaaka, o tlhalefe, o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.
12 Motho yo o bonokopela o bona jone bosula, mme a iphitlhe; mme ba ba sa tlhalefang ba fete fela ba utlwe botlhoko ka gone.
13 Tsaya seaparo sa yo o leng moemedi wa moeng; mme o tseye ene peelo yo o leng moemedi wa mosadi yo o leng o sele.
14 Yo o phakelelang go baka tsala ya gagwe ka lentswe le legolo, go tlaa kaiwa gore ke phutso mo go ene.
15 Go le go rothela ruri ka letsatsi la pula e tona, le mosadi yo o omanang go tshwana fela.
16 Yo o ratang a ka bo a kganela mosadi, o kganela phefo fela, mme seatla sa gagwe se segolo se rakana le lookwane.
17 Tshipi e lootsa tshipi; motho o lootsa jalo sefatlhogo sa tsala ya gagwe.
18 Motho yo o bolokang setlhare sa mofeige o tlaa ja loungo lwa sone; le yo o direlang mong wa gagwe o tlaa tlotlwa.
19 Jaaka mo metsing sefatlhogo se tshwantsha sefatlhogo, pelo ya motho e ntse jalo mo mothong yo mongwe.
20 Bobipo le Bosenyegelo ga di ke di kgora gope, le matlho a motho ga a ke a kgora gope.
21 Pitsa e e tlhapolosang ke ya selefera, le leiso la leubelo ke la gouta, le motho o lekwa ke se o bakwang ka ga sone.
22 Le fa o tlhobola lesilo ka motshe le mabele a a setlwang mo kikeng, le fa go ntse jalo boeleele jwa lone ga bo ketla bo le tlogela.
23 O tlhoafalele go itse matsomane a gago ka fa a ntseng ka gone; o bo o tlhokomele matlhape a gago thata;
24 gonne dikhumo ga di nne ka bosakhutleng; le e leng serwalo sa bogosi a se tle se nne go ya tshikatshikeng tsotlhe?
25 Bojang jwa tshwabi bo a rorwa, mme loreme lo setoge, e bile merogo ya kwa dithabeng e tle e phuthelwe gae.
26 Dikwanyana di ruetswe go nna diaparo tsa gago, le dipodi ke tlhwatlhwa ya lotlhagare;
27 mme go tlaa nna maši a dipodi a a lekanyeng go jewa ke wena, le ke ba ntlo ya gago, le go nna kotlo ya barweetsana ba gago.
1 Baikepi ba tle ba tshabe go sa khukhele ope, mme basiami ba pelokgale jaaka tau.
2 Dikgosana tsa lefatshe di tle di nne dintsi ka ntlha ya go leofa ga lone, mme go nna ga lone go tlaa lelefadiwa ke batho ba tlhaloganyo le kitso.
3 Motlhoki yo o patikang bahumanegi o tshwana le pula e e gogolang fela, e e sa tlogeleng dijo dipe.
4 Bone ba ba tlogelang molao ba haka baikepi, mme ba ba tshegetsang molao ba ganela nabo.
5 Batho ba ba bosula ga ba tlhaloganye tshiamiso, mme ba ba batlang Jehofa ba tlhaloganya dilo tsotlhe.
6 Mohumanegi yo o tsamayang mo go tlhokeng molato ga gagwe, o molemo bogolo go yo o lesoko mo mekgweng ya gagwe, le fa a humile.
7 Yo o tshegetsang molao ke ngwana yo o botlhale, mme yo o leng monkana wa diapu o tlhabisa rraagwe ditlhong.
8 Yo o kokotletsang thoto ya gagwe ka go lopa koketso le ka loatiso, o e phuthela ene yo o utlwelang bahumanegi botlhoko.
9 Yo o ithuhulang, gore a se utlwe molao, le e leng one morapelo wa gagwe ke sefedisapelo fela.
10 Yo o timeletsang mothokgami kwa tseleng e e bosula, o tlaa wela ka esi mo lemeneng le e leng la gagwe, mme baitekanedi ba tlaa ja molemo boswa.
11 Mohumi o ipona botlhale, mme mohumanegi yo o nang le tlhaloganyo a mo kheleise.
12 Motlhang basiami ba fenyang, go nne kgalalelo e kgolo, mme motlhang baikepi ba tsogang, batho ba iphitlhe.
13 Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a ketla a tlhogonolofala, mme yo o di ipolelang a ba a di bakela, o tlaa bona boutlwelobotlhoko.
14 Go sego motho yo o sisimogang ka metlha yotlhe, mme yo o ikwatlalatsang pelo o tlaa wela mo bosuleng.
15 Jaaka tau e e dumang, le bera e e lalogileng, molaodi yo o boikepo o ntse jalo mo tšhabeng e e humanegileng.
16 Kgosana e e tlhokang tlhaloganyo e bile ke mopatiki yo mogolo, mme yo o ilang keletso ya boiphetlho o tlaa lelefatsa malatsi a gagwe.
17 Motho yo o rweleng lekokoma la madi a motho o tlaa tshabela kwa lemeneng; a go se nne motho ope yo o mo kganelang.
18 Motho yo o tsamayang ka thokgamo o tlaa gololwa, mme yo o lesoko mo mekgweng ya gagwe o tlaa wa ka lobaka loo fela.
19 Yo o lemalemang masimo a gagwe o tlaa bona letlotlo la dijo, mme yo o salang baithamaki morago o tlaa bona khumanego e e tletseng.
20 Monna yo o boikanngo o tlaa nna le letlotlo la matshego, mme yo o potlakelang go huma ga a ketla a tlhoka go bediwa.
21 Go gopola bomangmang jwa batho ga go molemo, le fa e le go dira tlolo, gore motho a bone dijonyana.
22 Yo o leitlho le le bosula o itlhaganelela dikhumo, mme a sa itse fa botlhokwa bo tlaa mo wela.
23 Yo o kgalemelang motho o tlaa nama a bona botsalano bogolo go yo o hakang ka loleme.
24 Yo o utswelang rraagwe kgotsa mmaagwe, mme a re: “Ga se tlolo epe;” motho yoo ke monkana wa sesenyi.
25 Motho yo o pelotshetlha o tsosa dikgang; mme yo o ikanyang Jehofa o tlaa nontshiwa.
26 Yo o ikanyang pelo ya gagwe ka esi ke seeleele, mme yo o tsamayang ka botlhale o tlaa gololwa.
27 Yo o abelang bahumanegi ga a ketla a tlhoka, mme yo o ipipang matlho o tlaa bona phutso gantsintsi.
28 E a re fa baikepi ba tsoga, batho ba iphitlhe; mme motlhang ba swang basiami ba ntsifale.
1 Yo o reng a ntse a kgalemelwa mme a ithatafatsa thamo, o tlaa rojwa ka tshoganetso, mme e tlaa bo e le mo go se nang phodiso.
2 E re mogang basiami ba totang batho ba itumele, mme mogang moikepi o laolang batho ba fegelwe.
3 Motho yo o ratang botlhale o itumedisa rraagwe, mme yo o tsalanang le basadi ba diaka o senya thoto ya gagwe.
4 Kgosi e tlhomamisa lefatshe ka tshiamiso, mme yo o tsayang dineo ka patiko o a le ribegetsa.
5 Monna yo o hakang wa ga gabo ka puo e e borethe o ngamolela dinao tsa gagwe lotloa.
6 Mo tlolong ya motho yo o bosula go na le seru, mme mosiami ene o a opela a itumela.
7 Mosiami o tlaa tlhokomela mafoko a bahumanegi, mme moikepi ga a na tlhaloganyo ya go a itse.
8 Batho ba ba sotlang ba tle ba tutumise molelo mo motseng, mme batho ba ba botlhale ba thibosa bogale.
9 Fa monna yo o botlhale a na le kgang le motho yo o seeleele, le fa a le bogale, le fa a tshega, ga go ketla go nna boikhutso.
10 Ba ba nyorelwang madi a batho ba ila yo o itekanetseng, mme ka ga mothokgami ba rata go mmoloya.
11 Seeleele se tle se bolele bogale jotlhe jwa sone, mme motho yo o botlhale o a bo kganela a bo didimatse.
12 Fa molaodi a reetsa maaka, batlhanka ba gagwe botlhe ke baikepi.
13 Mohumanegi le mopatiki ba tle ba kopane; Jehofa o sedifatsa matlho a bone boo babedi.
14 Kgosi e e atlholang bahumanegi ka nnete, setulo sa yone sa bogosi se tlaa tlhomama ka bosakhutleng.
15 Thupa le kgalemelo di naya motho botlhale, mme ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong.
16 E a re mogang baikepi ba tota, tlolo e gole, mme basiami ba tlaa leba go wa ga bone.
17 Otlhaya morwao, mme o tlaa go naya boikhutso; ee, o tlaa jesa mowa wa gago monate.
18 Kwa go se nang ponatshegelo gone, batho ba latlhe boithibo, mme yo o tshegetsang molao o sego.
19 Motlhanka o tle a gane go siamisiwa ka puo fela; gonne le fa a tlhaloganya ga a ketla a go tlhokomela.
20 A o bona motho yo o bonako mo puong ya gagwe? Go ka solofelwa seeleele bogolo go ene.
21 Yo o sa leng a godisa motlhanka wa gagwe mo bonyaneng jwa gagwe ka tlekeetso o tlaa mmona a bile a le morwawe mo bofelong.
22 Motho yo o bogale o tsosa kgang, le motho yo o gakalang o tletse ditlolo.
23 Boikgodiso jwa motho bo tlaa mo isa tlase, mme yo o mowa o kgobaletseng o tlaa bona tlotlo.
24 Yo o tlhakanetseng tiro le legodu o ikila mowa, mme o utlwa ikaniso, mme ga a bolele sepe.
25 Poifo ya motho e tle e lere seru, mme yo o ikanyang Jehofa o tlaa bolokega.
26 Batho ba le bantsi ba batla botsalano jwa molaodi, mme tshiamiso ya motho e tswa kwa go Jehofa.
27 Monna yo o sa siameng ke sefedisapelo mo basiaming, mme yo o siamang mo tseleng ke sefedisapelo mo baikeping.
1 Mafoko a ga Agure morwa Jake: polelo ya boitseanape. Monna a raya Ithiele, Ithiele le Ukale,
2 a re: “Ruri nna ke lesilo bogolo go batho botlhe, ke bile ke se na tlhaloganyo ya motho,
3 ga ke a ithuta botlhale, le gone ga ke na kitso ya go itse Moitshepi.”
4 E mang yo o tlhatlogetseng legodimong, a ba a fologa? E mang yo o huparetseng diphefo mo matsweleng a gagwe? E mang yo o bofeletseng metsi mo seaparong sa gagwe? E mang yo o tlhomamisitseng dikhutolo tsotlhe tsa lefatshe? E mang leina la gagwe, le leina la ga morwawe e mang fa o itse?
5 Lefoko lengwe le lengwe la Modimo le lekilwe; one, ke thebe ya ba ba o ikanyang.
6 O se ka wa oketsa mafoko a one, o ka tla wa go kgalemela, mme wa fitlhelwa o le moaki.
7 Ke go lopile dilo di le pedi; o se ka wa di ntatolela ke ise ke swe; ka re,
8 boithamako le maaka o di beye kgakala le nna; o se ka wa nnaya khumanego le fa e le khumo; nkotla ka dijo tse di ntekanyeng;
9 nka tla ka kgora, mme ka go itatola, ka re: “Jehofa e mang?” Kgotsa fa ke humanegile nka tla ka utswa, mme ka dira leina la Modimo wa me matlhapa.
10 O se ka wa seba motlhanka kwa go mong wa gagwe, o ka tla a go roga, mme wa nna molato.
11 Go na le losika lwa batho ba ba rogang borraabo, mme ba sa segofatse bommaabo.
12 Go na le losika lwa batho ba ba iponang boitsheko, le fa go ntse jalo ba sa tlhapisiwa maswe a bone.
13 Go na le losika lwa batho, ana matlho a bone a kalegile jang, le dintshi tsa matlho a bone di tsholetsegile jang!
14 Go na le losika lwa batho ba meno a bone a ntseng jaaka ditšhaka, le ba meno a ditlhaya tsa bone a ntseng jaaka dithipa tsa go ja bahumanegi go ba tlosa mo lefatsheng, le batlhoki gore ba tswe mo bathong.
15 Monopi o na le bana ba basetsana ba le babedi, ba ba goang, ba re: “Naya, naya.” Go na le dilo di le tharo tse di sa kgoreng gope. Ee, dilo di le nne tse di se keng di re: “Go lekanye:”
16 Phupu; le sebopelo sa boopa; lefatshe le le sa kgoreng metsi; le molelo o o se keng o re: “Go lekanye.”
17 Leitlho la motho yo o sotlang rraagwe, le la yo o nyatsang go utlwa mmaagwe, mahukubu a molapo a tlaa le gonya, le manonyana a tlaa le ja.
18 Go dilo di le tharo tse di gakgamatsang bobe mo go nna, ee, go di le nne tse ke sa di itseng:
19 Tsela ya ntswi yo motona mo loaping; tsela ya noga mo lefikeng; tsela ya sekepe mo gare ga lewatle; le tsela ya monna a na le morweetsana.
20 Tsela ya mosadi wa seaka e ntse jalo; o tle a je, mme a iphimole molomo a re: “Ga ke a dira boikepo bope.”
21 Lefatshe le roromisiwa ke dilo di le tharo, le ke di le nne, tse le retelelwang ke go di belega:
22 Ke motlhanka fa a le kgosi; le yo o logaba fa a kgotshe dijo;
23 ke mosadi yo o maswe fa a nyetswe; le lelata le e leng mojaboswa wa mohumagadi wa lone.
24 Go dilo di le nne tse di leng dipotlana mo lefatsheng, mme di botlhale jo bo feteletseng.
25 Ditshoswane ke tšhaba e e seng thata, le fa go ntse jalo di tle di baakanye dijo tsa tsone selemo.
26 Dipela ke dilo tse di bokoa, le fa go ntse jalo di tle di age matlo a tsone mo meoleng ya mafika.
27 Tsie ga e na kgosi, le fa go ntse jalo e tle e tswelele yotlhe ka masomo.
28 Ntseane o tshwara ka diatla, le fa go ntse jalo o tle a nne mo matlong a dikgosi.
29 Go dilo di le tharo tse di motsamao o gwantang, ee, di le nne tse di gwantang mo go tsamayeng ga tsone:
30 Tau, e e leng yone e thata bogolo mo dibataneng, mme e sa itse go thibogela sepe;
31 le ntša ya phefo; le phoko; le kgosi e e se nang ope yo o ka e tsogelang go tlhabana nayo.
32 Fa o dirile bosilo ka go ikokomatsa, kgotsa fa o gopotse bosula, ipeye seatla mo molomong.
33 Gonne go itaanngwa ga maši go tle go ntshe serethe, le go sokwa ga nko go tle go ntshe madi, le go tlhotlhelediwa ga bogale go tle go tsose ntwa.
1 Mafoko a kgosi Lemuele; boitseanape jo mmaagwe o bo mo rutileng.
2 Ke eng, morwaaka? Ke eng wena ngwana wa sebopelo sa me? Ke eng, wena ngwana wa maikano a me?
3 O se ka wa naya basadi thata ya gago, le metsamao ya gago o se ka wa e naya sone se se senyang dikgosi.
4 Ga go a tshwanela dikgosi, Lemuele, ga go a tshwanela dikgosi go nwa bojalwa jwa mofine; ga go a tshwanela dikgosana, go re: “Bojalwa jwa mofine jo bo loileng bo kae?”
5 Gonne ba ka tla ba nwa, mme ba lebala molao, ba sokamisa tshiamiso ya bangwe ba ba pitlagantsweng.
6 Naya ene yo o gaufi le go swa bojalwa jo bo loileng, le bojalwa jwa mofine o bo neye ene yo o mowa o galakegang;
7 a a nwe, mme a lebale khumanego ya gagwe, mme a a se tlhole a gakologelwa matladika a gagwe.
8 O tumololele dimumu molomo wa gago, go tlhabanela botlhe ba ba tlogetsweng ba le mo tatlhegong.
9 Tumolola molomo, o atlhole ka tshiamo, o atlholele bahumanegi le batlhoki.
10 E mang yo o ka bonang mosadi yo o mokgwa o o iphaphileng? Gonne tlhwatlhwa ya gagwe e feta ya majana a a tlhokegang kgakala.
11 Pelo ya monna wa gagwe e mo ikantse, mme ga a ketla a tlhoka papadi.
12 O mo direla molemo e seng bosula, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe.
13 O tle a senke bobowa le leloba, mme a dire ka bongwe fela jwa pelo ka diatla.
14 O ntse jaaka dikepe tsa moreki wa dilo; dijo tsa gagwe o tle a ye go di tsaya kwa kgakala.
15 Le gone o tle a tsoge go sa le bosigo, a neye ba ntlo ya gagwe dijo, le barweetsana ba gagwe tiro ya bone.
16 O tle a gopole tshimo, mme a e reke; a tlhome tshimo ya mafine ka papadi ya diatla tsa gagwe.
17 O ikokwaela mo lothekeng ka nonofo, a ithatafatse mabogo.
18 O lemoga fa tlhwatlhwa ya gagwe e na le papadi; lobone lwa gagwe ga lo time bosigo.
19 O tle a beye diatla mo selogong, diatla tsa gagwe di tshware letsogo la sone.
20 O tle a huporololele bahumanegi seatla; ee, a otlololele batlhoki mabogo.
21 Ga a boifele ba ntlo ya gagwe fa go le kapoko, gonne ba ntlo ya gagwe botlhe ba apere bohibidu jo bo letlhololo.
22 O itirela dialo tsa letsela le le dirilweng matsabatsaba; diaparo tsa gagwe ke leloba le le boleta le bohibidu jo bo mokgona.
23 Monna wa gagwe o itsiwe mo dikgotleng, fa a dutse mo bagolwaneng ba lefatshe.
24 O tle a dire diaparo tsa leloba, mme a di rekise; a neele moreki meitlamo.
25 Thata le tlotlego ke diaparo tsa gagwe; mme o tlaa tshega lobaka lo lo tlang.
26 O tumolola molomo wa gagwe ka botlhale; mme molao wa bopelonomi o bo o le mo lolemeng lwa gagwe.
27 O lebaleba mekgwa ya ba ntlo ya gagwe thata, mme ga a je dijo tsa podufalo.
28 Bana ba gagwe ba nanoge, ba mmitse mosegofadiwa; monna wa gagwe le ene a mmake a re:
29 “Bana bantsi ba basetsana ba dirile sentle, mme wena o ba gaisitse botlhe fela.”
30 Boeletsego ke tsietso le bontle ke boithamako, mme mosadi yo o boifang Jehofa, ene o tlaa bakwa.
31 Mo neye papadi ya diatla tsa gagwe, mme a ditiro tsa gagwe di mmake mo dikgotleng.